Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa

Pulamadibogo

Kgaolo 1: Dikaelo tsa Motheo

Kgaolo 2: Molaotlhomo wa Ditshwanelo

Kgaolo 3: Puso ya Tirisano

Kgaolo 4: Palamente

Kgaolo 5: Moporesidente le Khuduthamaga ya Bosetšhaba

Kgaolo 6: Diporofense

Kgaolo 7: Puso Selegae

Kgaolo 8: Dikgotlatshekelo le Tsamaiso ya Bosiamisi

Kgaolo 9: Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Demokerasi ya Molaotheo

Kgaolo 10: Tsamaiso ya Puso

Kgaolo 11: Ditirelo tsa Pabalesego

Kgaolo 12: Baeteledipele ba Setso/Magosi

Kgaolo 13: Ditšhelete

Kgaolo 14: Dikaelo-Kakaretso

Mametlelelo 1: Folaga ya Bosetšhaba

Mametlelelo 1A: Mafelo a Diporofense

Mametlelelo 2: Maikano le Ditumelo tse di Masisi

Mametlelelo 3: Ditsamaiso Tsa Ditlhopho

Mametlelelo 4: Makala A Kgolagano A Tiragatso A Bokgoni Jwa Peomolao A Bosetšhaba Le A Porofense

Mametlelelo 5: Makala A Tiragatso A Bokgoni Jwa Molao Wa Porofense Fela

Mametlelelo 6: Dithulaganyo tsa Kgabaganyo

Mametlelelo 7: Melao e e Phimotsweng

Pulamadibogo

Rona, batho ba Aforika Borwa,

Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;

Re tlotla ba ba bogileng ka ntlha ya tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;

Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme

Re dumela fa Aforika Borwa e le ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re le ngata e le nngwe ka go farologana.

Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela Molaotheo o jaaka Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re –

  • Alafe dikgogakgogano tse di fetileng mme re age Setšhaba se se theilweng ka meetlo ya demokerasi, bosiamisi jwa batho le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa botho;
  • Tlhome metheo ya demokerasi le setšhaba se se gololesegileng moo puso e theilweng ka thato ya batho e bile moagi mongwe le mongwe a sireleditswe ka go lekana ke molao.
  • Tokafatse matshelo a baagi botlhe le go golola neo ya mongwe le mongwe le;
  • Aga Aforika Borwa e e kopaneng ya demokerasi e e kgonang go tsaya maemo a yona a a siameng jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya mafatshe.

A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Nkosi Sikelel’ iAfrika.
Morena boloka setšhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika.
God bless South Africa.
Mudzimu fhatutšhedza Afurika.
Hosi katekisa Afrika.

This work was created and first published in South Africa and is in the public domain because it is an official text of a legislative, administrative or legal nature, or an official translation of such a text.

According to the Copyright Act, 1978, § 12 (8) (a), "No copyright shall subsist in official texts of a legislative, administrative or legal nature, or in official translations of such texts[.]"


As an edict of a government, it is also in the public domain in the United States.

|

Public domainPublic domainfalsefalse