Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 5

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 5: Moporesidente le Khuduthamaga ya Bosetšhaba

83. Moporesidente
1. Moporesidente –
a. ke Tlhogo ya Naga e bile ke tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba;
b. o tshwanetse go obamela, go sireletsa le go tlotla Molaotheo jaaka molaomogolo wa Rephaboliki;
c. o godisa kopano ya setšhaba le ntshetsopele ya Rephaboliki.

84. Dithata le ditiro tsa Moporesidente
1. Moporesidente o na le dithata go ya ka Molaotheo le molao, go akarediwa tse di tlhokegang go dira ditiro tsa Tlhogo ya Naga le tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba.
2. Moporesidente o rwele maikarabelo a –
a. go amogela le go saena Melaotlhomo;
b. go busetsa Molaotlhomo morago go Palamente gore o sekasekwe go tsamaelana le bomolaotheo;
c. go romela Molaotlhomo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo go dira tshwetso ka bomolaotheo ba Molaotlhomo oo;
d. go bitsa kopana e e sa tlwaelegang ya Ntlokokoano Bosetšhaba, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa Palamente go sekaseka merero e e kgethegileng;
e. go thapa batho mo maemong a farologaneng go tsamaelana le ditlhokego tse di tshwanetseng go diriwa ke Moporesidente go ya ka Molaotheo kgotsa molao, ntle le jaaka e le tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba;
f. go tlhoma dikhomišene tsa dipatlisiso;
g. go goeletsa referentamo go ya ka Molao wa Palamente;
h. go amogela le go tlotla baemedi ba dinaga disele/didipolomate, le baemedi pharaphare;
i. go kgetha baambasatara; le baemedipuso, badipolomate le baemedi pharaphare go emela naga;
j. go tshwarela kgotsa go kgaolelwa le phokoletso ya kotlhao nngwe le nngwe ya tuelo, kgotsa go gapelwa thoto;
k. go aba diala tsa tlotlo.

[Ntlhakakaretso: Ditebogo tsa tlotlo tse di tsentsweng mo Kuranteng ya Puso 24155 ya 6 Sedimont- hole, 2002 le mo Kuranteng ya Puso 25213 ya 25 Phukwi, 2003.]

85. Bothati taolo jwa Rephaboliki
1. Bothati taolo jwa Rephaboliki bo rwelwe ke Moporesidente.
2. Moporesidente o diragatsa taolo ya bokhuduthamaga, le ditokololo dingwe tsa Kabinete, ka –
a. go diragatsa molao wa bosetšhaba ntle le fa Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente o tlhomamisitse ka mokgwa mongwe;
b. go tlhabolola le go diragatsa maikemisetso a bosetšhaba;
c. go rulaganya ditiro tsa mafapha a puso le tsamaiso;
d. go tshitsinya le go simolola molao;
e. go dira tiro nngwe le nngwe ya bokhuduthamaga e e tlhomamisitsweng ke Molaotheo kgotsa molao wa bosetšhaba.

86. Go tlhophiwa ga Moporesidente
1. Mo kopanong ya ntlha, morago ga ditlhopho fa go tshwanetse go tladiwa phatlha, Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go kgetha monna kgotsa mosadi mo ditokololong tsa yona go nna Moporesidente.
2. Moatlhodimogolo o tshwanetse go okama ditlhopho pele go tlhophiwa Moporesidente kgotsa a kgethe Moatlhodi mongwe go dira jaalo. Go dirisiwa tsamaiso e e tlhalositsweng mo Karolo A ya Mametlelelo 3 fa go tlhophiwa Moporesidente.

[Kl(2) e emetswe ke k. 6 Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

3. Ditlhopho tsa go tlatsa phatlha mo kantorong ya Moporesidente di tshwanetse go tshwarwa ka nako le letlha le le kgethilweng ke Moatlhodimogolo, mme fela e seng morago ga matsatsi a le 30 morago ga tlhagelela ga phatlha.

[Kl(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

87. Go simoloa tiro ya Boporesidente
Fa motho a tlhophilwe go nna Moporesidente o kgaotsa go nna tokololo ya Ntlokokoano Bosetšhaba o tshwanetse go simolola tiro mo nakong ya matsatsi a le matlhano(5) ka go ikana le go tshepisa boikanyego go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.

88. Paka-tiro ya Boporesidente
1. Paka ya tiro ya Boporesidente e simolola fa motho a simolola tiro mme e fela fa phatlha e tlhagelela kgotsa fa motho yo a tlhophilweng go mo tlhatlhama a simolola tiro.
2. Ga go motho ope yo o tshwanetseng go nna Moporesidente go feta dipaka di le pedi tsa tiro, mme fa mongwe a tlhophilwe go tlatsa phatlha ya Boporesidente, nako magareng ga ditlhopho le ditlhopho tse di latelang tsa Bopresidente, ga e tsewe e le paka ya tiro.

89. Go tlosiwa ga Moporesidente
1. Ntlokokoano Bosetšhaba, ka tshegetso ya bonnye diboutu tsa pedi-tharo ya ditokololo tsa yona, e ka kgona go tlosa Moporesidente mo maemong a gagwe, fela ka ntlha ya mabaka a-
a. Tshiamololo e e masisi ya Molaotheo;
b. Maitshwaro a makgwakgwa;
c. Tlhokego ya bokgoni jwa go dira ditiro tsa gagwe.
2. Mongwe le mongwe yo o tlositsweng mo maemong a boporesidente go ya ka mabaka a 62 karolotlaleletso (1)(a) kgotsa (b) gag a tshwanela go amogela ditshwanelo tsa tiro ya maemo ao, e bile ga a tshwanela go dira jaaka motlhankedi wa setšhaba.

90. Moporesidente wa Nama-o-tshwere
1. Fa Moporesidente a se teng mo nageng kgotsa a sa kgone go dira ditiro tsa kantoro ya boPoresidente kgotsa fa go nale phatlha mo kantorong ya Moporesidente, motlhankedi yo o na leng matla a go dira jaaka Poresidente go ya ka tatelano e fa tlase, ke:
a. Motlatsa Moporesidente.
b. Tona e e kgethilweng ke Moporesidente.
c. Tona e e kgethilweng ke ditokololo tse dingwe tsa Kabinete.
d. Mmusakgotla wa Palamente go fitlhelela Ntlokokoano Bosetšhaba e kgetha mongwe wa maloko a yona.
2. Moporesidente wa nama-o-tshwere o na le maikarabelo, maatla, le ditiro tsa Poresidente.
3. Pele a simolola ka maikarabelo, matla le ditiro tsa boPoresidente, Moporesidente wa nama-o-tshwere o tshwanetse go ikana kgotsa go tshepisa botshepegi go Rephaboliki le kobamelo ya Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.
4. Motho yoo, jaaka Moporesidente wa nama-o-tshwere a ikanneng kgotsa a tshepisitseng botshepegi go Rephaboliki ga a tshwanela go ikana kgotsa go tshepisa gape botshepegi mo pakeng e e latelang jaaka Moporesidente wa nama- o-tshwere ka bokhutlo jwa paka fa motho yo o tlhophilweng a simoloal tiro jaaka Moporesidente.

[Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 1 ya Molao ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 1997.]

91. Kabinete
1. Kabinete e bopilwe ke Moporesidente, jaaka tlhogo ya Kabinete, Motlatsa Moporesidente le Ditona.
2. Moporesidente o tlhopha Motlatsa Moporesidente le Ditona, o ba abela dithata le ditiro, e bile o kgona go ba tlogedisa tiro.
3. Moporesidente –
a. o tshwanetse go kgetha Motlatsa Moporesidente mo ditokololong tsa Ntlokokoano Bosetšhaba;
b. a ka kgetha palo nngwe le nngwe ya Ditona go tswa go ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba;
c. a ka kgetha Ditona tse disa sa feteng palo ya pedi go tswa kwa ntle ga Ntlokokoano.
4. Moporesidente o tshwanetse go kgetha tokololo ya Kabinete go nna moeteledipele wa merero ya puso mo Ntlokokoano Bosetšhaba.
5. Motlatsa Moporesidente o tshwanetse go thusa Moporesidente go dira ditiro tsa puso.

92. Maikarabelo le ditlamego
1. Motlatsa Moporesidente le Ditona ba rwele maikarabelo a dithata le ditiro tsa khuduthamaga tse ba di abetsweng ke Moporesidente.
2. Ditokololo tsa Kabinete di na le maikarabelo ka bojotlhe le ka bonngwe go Palamente go diragatsa tsa ditiro tsa bona.
3. Ditokololo tsa Kabinete di tshwanetse –
a. go dira go ya ka Molaotheo;
b. go neela Palamente dipegelo ka botlalo nako le nako tebang le merero e e mo taolong ya bona.

93. Batlatsa Ditona
1. Moporesidente a ka tlhopha-
a. Batlatsa Ditona go tswa mo ditokololong tsa Ntlokokoano Bosetšhaba; le
b. Ga go a tshwanelwa go tlhopha Batlatsa Ditona ba ba fetang pedi go tswa kwa ntle ga Ntlokokoano Bosetšhaba, go thusa ditokololo tsa Kabinete, e bile a ka ba koba mo tirong.
2. Batlatsa Ditona ba ba tlhophilweng go ya ka karolotlaleletso (1)(b) ba ka fa tlase ga taolo ya Palamente go diragatsa dithata tsa bona le ditiro tsa bona.

[K. 93 e emetswe ke k. 7 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

94. Go tswelelapele ga Kabinete morago ga ditlhopho
Fa go tshwerwe ditlhopho tsa Ntlokokoano Bosetšhaba, Kabinete, Motlatsa- Moporesidente, Ditona le Batlatsa Ditona ba na le tetla ya go dira go fitlhelela motho yo tlhophilweng jaaka Moporesidente ke Ntlokokoano e e latelang a simolola go dira.

95. Maikano kgotsa tshepiso
Pele Motlatsa Moporesidente, Ditona le Moatlatsa Tona nngwe le nngwe a simolola go dira tiro ya bona, o tshwanetse go ikana kgotsa go tshepisa go nna le boikanyego go Rephaboliki le go obamela Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.

96. Maitsholo a Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Ditona
1. Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Ditona ba tshwanela go itshwara go tsamaelana le khoutu ya maitshwaro e e tlhomamisistweng ke molao wa bosetšhaba.
2. Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Ditona gab a tshwanela, go –
a. dira tiro nngwe e e duelang;
b. itshwara ka mokgwa mongwe o o kgatlhanong le maemo a tiro ya bona, kgotsa go ipaya mo maemong a a na leng kotsi kotsi ya go tlhoal kgotlhang garen ga maikarabelo a bona a semmuso le dikgatlhagelo tsa poraefete.

97. Kabelo ya ditiro
1. Ka kgoeletso MoPoresidente a ka abela tokololo ya Kabinete –
a. tsamaiso ya molao mongwe le mongwe o o neng o abetsweng tokololo e nngwe; kgotsa
b. thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e neng e abetswe tokololo e nngwe ka molao.

98. Kabelo ya ditiro tsa nakwana
Moporesidente a ka abela tokololo ya Kabinete thata kgotsa tiro ya tokololo nngwe e e se yong mo tirong kgotsa e e sa kgoneng go diragatsa maatla ao, kgotsa tiro eo.

99. Kabelo ya ditiro
1. Tokololo ya Kabinete e ka abela tokololo nngwe le nngwe ya Kgotla ya Khuduthamaga ya porofense kgotsa go Khansele ya Mmasepala thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e tshwanetseng go diriwa go tsamaelana le Molao wa Palamente. Tiro –
a. e tshwanela go diriwa ka tumelelano gare ga tokololo ya Kabinete e e maleba le Mokhuduthamaga oo, kgotsa tokololo ya Khansele ya Mmasepala;
b. e e diriwang kgotsa matla ao, a tshwanetse go tsamaelana le Molao wa Palamente;
c. e simolola go diriwa Morago ga phatlalatso ya kgoeletso ke Moporesidente.

100. Thuso ya bosetšhaba go tsamaiso ya diporofense
1. Fa porofense e retelelwa kgotsa e sa dire ditshwanelo tsa yona go ya ka molao kgotsa Molaotheo, khuduthamaga ya bosetšhaba e ka tsereganya ka go tsaya dikgato tse di maleba go netefatsa ntshetsopele ya ditshwanelo eo, go akarediwa –
a. go ntsha taelo go khuduthamaga ya porofense, e e tlhalosang selekano sa go palelelwa go dira tiro ya yona le tlhaloso ya dikgato tse di tlhokeganggo dira tiro eo; le
b. go tsaya maikarabelo tebang le tiro ya porofense ka moo go tlhokegang go –
i. netefatsa maemo a a botlhokwa a tekanyetso ya bosetšhaba kgotsa go fitlhelela maemo a tlhomamisitsweng a tekanyetso ya bosetšhaba go fitlhelela tiro eo;
ii. netefatsa kgolo ya moruo; 66
iii. netefatsa tshireletso ya setšhaba; kgotsa
iv. kganela porofense eo go tsaya kgato e tla kgobelelang kgatlhego ya porofense e nngwe kgotsa ya naga ka bophara.

[Kl.(1) e tlhabolotswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]

2. Fa khuduthamaga ya bosetšhaba e thusa mo porofenseng go ya ka mabaka a karolotlaleletso (1)(b)–
a. e tshwanetse go kwala kitsiso e e tlhalosang mokgwa wa tsereganyo wa Khansele ya Bosetšhaba ya diporofense mo nakong ya matsatsi a le 14morago ga tshimologo ya tsereganyo;
b. tsereganyo e tshwanela go emisiwa fa Khansele e sa amogele thuso eo mo nakong ya matsatsi a le 180 morago ga tshimologo ya tsereganyo kgotsa fa ka nako ya bokhutlo jwa paka eo e se e amogela thuso eo, gape
c. fa tsereganyo e ntse e tswelelapele Khansele e tshwanetse go sekaseka maemo gangwe le gape le go rebolela khuduthamaga ya bosetšhaba ditshwaelo tse di maleba.

[Kl.(2) e emetswe ke k. 2(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]

3. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go rulaganya tsamaiso e e tlhomamisitsweng mo karolong eno.

[K. 100 e tlhabolotswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]

101. Ditshwetso tsa khuduthamaga
1. Tshwetso ya Moporesidente e tshwanetse go kwadiwa fa fatshe, fa –
a. e tsamaelana molao; kgotsa
b. e na le ditlamorago tsa semolao.
2. Tshwetso e e kwadilweng ya Moporesidente e tshwanetse go saeniwa ke tokololo nngwe gape ya Kabinete, fa tshwetso eo e ama tiro e e abetsweng tokololo eo ya Kabinete.
3. Dikgoeletso, melawana le didiriswa tse dingwe tsa melawana e e maleba di tshwanetse go fitlhelelwa ke botlhe.
4. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go totobatsa mokgwa o ka ona, le selekano seo, didiriswa tse di umakilweng mo karolotlaletso (3) di tshwanetseng go –
a. tlhagisiwa mo Palamenteng; le
b. go amogelwa ke Palamente.

102. Ditshitsinyo ya go tlhoka boikanyego
1. Fa Ntlokokoano Bosetšhaba ka boutu ya bontsi jwa ditokololo e atlenegisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Kabinete, ntle le Moporesidente, Moporesidente o tshwanetse go tlhopa Kabinete sešwa.
2. Fa Ntlokokoano Bosetšhaba ka boutu ya bontsi jwa ditokololo e atlanegisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Moporesidente, Moporesidente le ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Ditona mongwe le mongwe ba tshwanetse go tlogela tiro.