Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 4

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 4: Palamente

42. Popego ya Palamente
1. Palamente e arognatswe ka –
a. Ntlokokoano Bosetšhaba; le
b. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
2. Ntlokokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di tsaya karolo mo go tlhameng molao go ya ka mokgwa o o tlhalositsweng mo Molaotheo.
3. Ntlokokoano Bosetšhaba e tlhophilwe go emela batho le go netefatsa puso ya batho go ya ka Molaotheo. E dira seo ka go tlhopa Moporesidente, ka go tlamela ka foramo ya bosetšhaba go sekaseka merero ya setšhaba, ka go tlhama molao, go tlhatlhoba le go lebelela tiro ya khuduthamaga/puso.
4. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e emetse diporofense go netefatsa fa puso ya bosetšhaba e ela tlhoko dikgatlhegelo tsa diporofense. E dira seo bogolo ka go tsaya karolo go ditsamaiso tsa peomolaole go tlamela ka foramo ya bosetšhaba gore setšhaba se sekaseke merero e e amang diporofense.
5. Moporesidente a ka bitsa kopano e e kgethegileng ya Palamente nako nngwe le nngwe go dira tiro e e kgethegileng;
6. Bonno jwa Palamente ke Motse Kapa, mme Molao wa Palamente o o rebotswebg go tsamaelana le karolotlaleletso 76(1) le(5), o ka tlhomamisa gore bonno jwa Palamente bo nne felo gongwe.

43. Matla a semolao a Rephaboliki
1. Mo Rephaboliking, matla a go tlhama molao a –
a. makala a bosetšhaba a puso a rwele ke Palamente, go ya ka tlhaloso ya karolo 44;
b. makala a puso ya porofense a rwelwe ke ntlopeomolao ya porofense go ya ka tlhaloso ya karolo 104; mme
c. ya makala a puso selegae e rwelwe ke Dikhansele tsa Bommasepala go ya ka tlhaloso ya karolo 156.

44. Matla a semolao a naga
1. Bothati ba peomolao ya bosetšhaba jaaka bo rwelwe ke Palamente –
a. matla ao a reboletswe Ntlokokoano Bosetšhaba –
i. go tlhabolola Molaotheo;
ii. go atlenegisa molao tebang le morero mongwe le mongwe, go akarediwa morero oo wa tiro o o tlhalositsweng mo Mametlelelo 4, mme go sa akarediwe, fela go tsamaelana le karolo (2), morero wa tiro o o tlhalositsweng mo Mametlelelo 5; le
iii. go abela bothati bongwe le bongwe jwa semolao jwa lekala lengwe le lengwe la puso dithata tsa yona tsa molao; ntle le thata ya go tlhabolola Molaotheo; le
b. go mametlelela Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ka maatla –
i. a go tlhabolola Molaotheo, go ya ka karolo 74;
ii. go atlenegisa molao go ya ka karolo 76,tebang le morero mongwe le mongwe wa tiro e e tlhalositsweng mo Mametlelelong 4, le morero mongwe le mongwe yo go tlhokegang gore o atlenegisiwe go tsamaelana le karolo 76 ya Molaotheo, le
iii. go sekaseka go ya ka karolo 75, molao mongwe le mongwe yo o atlenegisitsweng ke Ntlokokoano Bosetšhaba.
2. Palamente e ka tsereganya ka go aatlenegisa molao go ya ka karolo 76(1) tebang le morero yo o lebaganyeng le tiro e e tlhalositsweng mo Mametlelelo 5, fa go tlhokega –
a. go tshegetsa tshireletso ya bosetšhaba;
b. go tshegetsa botsitso jwa ikonomi;
c. go tshegetsa maemo a kelo ya bosetšhaba a a botlhokwa;
d. go tlhama maemo tekanyetso a a lebaganeng le thebolo ya ditirelo; kgotsa
e. go thibela porofense go tsaya dikgato tse di sa isa itumediseng, tse di amang dikgatlhegelo tsa porofense e nngwe ka mokgwa o sa itumediseng, kgotsa naga ka bophara.
3. Molao tebang le morero o o botlhokwa go, kgotsa o maleba le tiragatso ya thata e e amang morero mongwe le mongwe o o kwadilweng mo Mametlelelo 4.
4. Fa e diragatsa matla a yona a semolao, Palamente e tlangwa fela ke Molaotheo, e bile e tshwanela go dira go ya ka Molaotheo le mo maparego a Molaotheo.

45. Melawana le ditaelo tlhakanelo le dikomiti tlhakanelo
1. Ntlokokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanetse go tlhama komiti ya melawana le ditaelo tlhakanelo go dira melawana le ditaelo tebang le merero ya ntlokokoano le Khansele go akarediwa melawana le ditaelo –
a. go tlhotlhomisa tsamaiso tebang le ntshetsopele ya thulaganyo ya molao, go akarediwa go tlhoma ga selekanyetso sa nako mabapi le go wediwa gakgatho nngwe le nngwe mo tiragatsong;
b. go tlhama dikomiti tlhakanelo tse na leng maloko go tswa go Ntlokokoano Bosetšhaba le Khansele ya Diporofense go sekaseka le go bega ka Melaotlhomo e e akanngwang mo karolo 74 le 75 e e rometsweng go komiti ya mothale oo;
c. go tlhama komiti ya tlhakanelo go sekaseka Molaotheo bonnyeng gangwe ka ngwaga; le
d. go laola merero ya –
i. melawana ya komiti tlhakanelo;
ii. komiti ya botsereganyi;
ii. komiti ya tshekatsheko ya Molaotheo; le
iii. komiti tlhakanelo nngwe le nngwe e e tlhomilweng go ya ka mabaka a temana (b).
2. Ditokololo tsa kabinete, ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba le baemedi bao Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ba na le ditshwanelo le ditshireletesego fa pele ga Komiti tlhakanelo ya Ntlokokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense fela jaaka ba nale ditshwanelo tseo fa pele ga Ntlokokoano kgotsa Khansele ya Diporofense.

Kokoano Bosetšhaba

46. Sebopego le ditlhopho
1. Ntlokokoano Bosetšhaba e tlhamilwe ka maloko a fa tlase ga 350, mme eseng e go feta banna le basadi ba le 400 ba ba tlhophilweng jaaka ditokololo go ya ka lenaane la ditlhopho le le –
a. tlhalosiwang ke molao wa bosetšhaba;
b. ikaegileng ka lenaane le le tlwaelegileng la bosetšhaba ya leano la ditlhopho;
c. letlelelang selekanyetso sa dingwaga di le 18 mabapi le go tlhopha; le
d. tlamelang, ka kakaretso kemedi ya tekanyetso.
2. Molao wa Palamente o tshwanetse go tlhomamisa selekanyo sa palo ya maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba.

[Karolotlaletso. (1) e e tlhabolotsweng ka karolo 1 ya Tlhabololo ya Bolesome ya Molaotheo wa Molao wa 2003 le ka k. 1 ya Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molaotheo wa Molao 2008.]

47. Botokololo
1. Moagi mongwe le mongwe yo o letleletsweng go tlhopha mo Ntlokokoano Bosetšhaba e ka nna tokololo ya Ntlokokoano kwa ntle ga –
a. mongwe le mongwe yo o thapilweng ke puso kgotsa a direla puso, e bile a amogela moputso boemong jwa tiro eo, kgotsa tirelo ntle le –
i. Moporesidente, Motlatsa Moporesidente, Ditona le Batlatsa Ditona; le
ii. Batlhankedi bangwe ba ditiro tsa bona di tshwanang le ditiro tsa maloko a Ntlokokoano, e bile Ntlokokoano Bosetšhaba e tlhomamisitse ditiro tseo ka go tshwana ka molao wa bosetšhaba;
b. Barongwa ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa ditokololo tsa kgotla peomolao ya Porofense kgotsa lekgotla la bommasepala;
c. Mokoloti yo o sa tlhabologeng;
d. Mongwe le mongwe yo o tlhomamisistweng a sa itekanela ke kgotlatshekelo ya Rephaboliki ya Aforika Borwa; kgotsa
e. Mongwe le mongwe yo o otlhailweng Morago ga go tsengwa tirisong ga karolo eno, e bile a otlhaiwa dikgwedi di feta 12 mo teng ga kgolegelo, ntle le boikgethelo jwa tuelo ya tšhelete, le fa e le mo teng ga Rephaboliki, kgotsa kwa ntle ga Rephaboliki; fa maitshwaro a bontshang bosenyi e ka nna tlolomolao mo Rephaboliking; mme, ga go ope yo o tla tselwang gore o otlhailwe go fitlhela boikuelo kgatlhanong le katlholo le kotlhao di tlhomamisiswa, kgotsa go fitlhela boikuelo bo felelwa ke nako. Pelesetso go ya ka temana eno e fela dingwaga di le tlhano morago ga go wediwa ga katlholo.
2. Motho yo go sa kgonagaleng gore a nne leloko la Ntlokokoano Bosetšhaba go ya ka ditaelo tsa karololotlaleletso (1)(a) kgotsa (b) a ka nna ntlhopheng wa Ntlokokoano go tsamaelana le tekanyetso ngwe le ngwe e e tlhomilweng ka molao ya bosetšhaba.
3. Motho o latlhegelwa ke go nna le tokololo ya Ntlokokoano Bosetšhaba fa motho yoo –
a. a sa kgone go ka tlhophiwa; kgotsa
b. a seyo mo Ntlokokoano ntle le tumelelo mme melao le ditaelo le melao ka Ntlokokoano di tlhalosa gore o tshwanetse go latlhegelwa ke boloko, kgotsa
c. o kgaotsa go nna leloko la lekoko le le motlhophileng jaaka leloko la Ntlokoko.

[Karolwana. (3) boemong jwa karolo 2 ya Tlhabololo ya Bolesome ya Molaotheo wa Molao wa 2003 le ka k. 2 ya Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molaotheo wa Molao 2008.]

Diphatlhatiro tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di tshwanetswe go tladiwa go ya ka molao wa bosetšhaba.

48. Go Ikana kgotsa boitlamo
Pele ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di simolola go dira ditiro tsa bona tsa bokhuduthamaga, di tshwanetse go ikana kgotsa go itlama ka boikanyego go Rephaboliki le kobamelo ya Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.

49. Paka ya Kokoano Bosetšhaba
1. Ntlokokoano Bosetšhaba e tlhopiwa paka ya dingwaga di le tlhano.
2. Fa Ntlokokoano Bosetšhaba e fedisiwa go ya ka karolotlaletso 50 kgotsa fa paka ya yona e fela, Moporesidente, ka kgoeletso, o tshwanetse go bitsa le go baya matsatsi a ditlhopho, tse di tshwanetseng go tshwarwa mo nakong ya matsatsi a le 90 morago ga letsatsi la go nyelediwa ga Ntlokokoano, kgotsa go fela ga paka eo. Kgoeletso ya go umaka le tlhomamiso ya matsatsi a ditlhopho a ka umakiwa pele kgotsa Morago ga go fela gap aka ya Ntlokokoano Bosetšhaba.

[Kl(2) e emetswe k. 1 ya Tlhabololo ya Botlhano ya Molaotheo wa Molao wa 1999.]

3. Fa dipholo tsa ditlhopho tsa Ntokokoano Bosetšhaba di sa itsisiwe ka nako e e boletsweng go ya ka karolo 190, kgotsa fa ditlhopo di kgapelwa thoko ke kgotlatshekelo, Moporesidente o tshwanetse go itsise le go tlhomamisa letlha le lengwe la ditlhopho, tseo di tshwanetseng go tshwarwa mo nakong ya matsatsi a le 90 morago ga go fela ga paka eo kgotsa ka letlha le ditlhopo le di kgaphetsweng thoko ka lona.
4. Ntlokokoano Bosetšhaba e dula e na le matla a go dira go simolola ka nako eo e fedisitsweng ka yona, kgotsa nako ya go fela gap aka ya yona, go fitlhela ka letsatsi pele ga ditlhopho tsa Ntokokoano e nngwe.

50. Go fedisiwa ga Ntlokokoano Bosetšhaba pele ga bokhutlo jwa paka ya yona
1. Moporesidente o tshwanetse go fedissa Ntlokokoano Bosetšhaba fa –
a. Ntlokokoano e amogetse tshwetso ya go fedisiwa go ya ka diboutu tsa bontsi jwa ditokololo tsa yona; le
b. fa go fetile dingwaga di le tlhano e sale Khuduthamaga e tlhopilwe.
2. Moporesidente wa nama-o tshwere o tshwanetse a fedisa Ntlokokoano Bosetšhaba fa –
a. go na le phatlhatiro mo ofising ya Moporesidente; le
b. fa khuduthama e palelwa ke go tlhopha Moporesidente o mošwa mo nakong ya matsatsi a le 30 morago ga go tlhagelela ga phatlhatiro.

51. Dipitso le dipaka tsa khunologo
1. Morago ga ditlhopho, pitso ya ntlha ya Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go tshwariwa ka nako le letlha le le tlhomamisistweng ke Molaodi Mogolo, mme e seng fela morago ga matsatsi a le 14 fa dipholo tsa ditlhopho di fetsa go itsisiwe. Khuduthamaga e ka tlhomamisa nako le boleele jwa nako ya dipitso le dipaka tsa khunologo.

[Kl.(1) boemong jwa k. 1 ya Tlhabololo ya Botlhano ya Molaotheo wa Molao wa 2001.]

2. Moporesidente a ka bitsa kopano e e kgethegileng ya Ntlokokoano Bosetšhaba, nako nngwe le nngwe go tshotla merero e e kgethegileng.
3. Dikopano tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di letleletswe go nna mo lefelong le lengwe ntle le bodulo jo bo tlwaelegileng jwa Palamente fela ka ntlha ya mabaka a dikgatlhegelo tsa setšhaba, pabalesego kgotsa kgonagalo le fa seo se letleletswe go ya melao le ditaelo tsa Ntlokokoano.

52. Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla
1. Mo kopanong ya ntlha morago ga ditlhopho tsa yona, kgotsa fa go le botlhokwa go tlatsa phatlha, Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go kgetha Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla mo gare ga ditokololo tsa yona.
2. Moatlhodi Mogolo o tshwanetse go etelapele tsamaiso fa go tlhophiwa 36 Mmusakgotla, kgotsa go laela moatlhodi mongwe go dira jaalo. Mmusakgotla o tshwanetse go etelapele tsamaiso fa go tlhophiwa Motlatsa Mmusakgotla.

[Kl.(2) boemong jwa k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.]

3. Tsamaiso e e tlhalositsweng mo Kgaolo A ya Mametlelelo 3 e dirisiwa fa go tlhopiwa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
4. Ntlokokoano Bosetšhaba e ka tlosa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa Mmusakgotla mo tirong fa go na le tumelano. Bontsi jwaa ditokololo tsa Ntlokokoano di tshwanetse go nna teng fa go diriwa tshwetso.
5. Go ya melao le ditaelo tsa yona, Ntlokokoano Bosetšhaba e ka tlhopha mo gare ga ditokololo tsa yona batlhankedi ba bangwe go thusa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.

53. Ditshwetso
1. Ntle le fa Molaotheo o laola ka tsela nngwe –
a. bontsi ba ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di tshwanetse go nna teng pele go boutelwa Molaotlhomo kgotsa tlhabololo ya Molaotlhomo.
b. bonnye nngwe-tharo ya ditokololo e tshwanetse go nna teng pele go diriwa boutu ka ga morero mongwe le mongwe fa pele ga Ntlokokoano; mme
c. dipotso tsotlhe tsa Ntlokokoano di rarabololwa ka tumelano ya bontsi jwa diboutu.
2. Tokololo ya Ntlokokoano Bosetšhaba e etelelang pele ditsamaiso ga e ena boutu ya tlwaelo; mme–
a. o tshwanetse go dira boutu ya makgaolakgang fa diboutu di le maleka matlhakore oo mabedi; bile
b. a ka bouta ka tlwaelo fa potso e tshwanetse go swediwa ka tumelano ya bonnye jwa pedi-tharo ya ditokololo tsa Ntlokokoano.

54. Ditshwanelo tsa ditokololo dingwe tsa Kabinete le Batlatsa Tona mo Ntlokokoano Bosetšhaba
Moporesidente le tokololo nngwe le nngwe ya Kabinete kgotsa Motlatsa Tona mongwe le mongwe yo e seng tokololo ya Ntlokokoano Bosetšhaba go tsamaelana le melao le ditaelo tsa Ntlokokoano a ka, tsenela kopano e bile a ka bua mo Ntlokokoano, mme fela ga a tshwanela go bouta.

[Kl.(54) boemong jwa k. 4 ya Tlhabololo ya Borataro ya Mplaptheo wa Molao wa 2001.]

55. Dithata tsa Ntlokokoano Bosetšhaba
1. Go diragatsa dithata tsa yona tsa semolao, Ntlokokoano Bosetšhaba e ka–
a. sekaseka, atlanegisa, tlhabolola kgotsa kgaphela thoko molao mongwe le mongwe o o tlhagelelang fa pele ga Ntlokokoano; le
b. go simolola kgotsa go baakanya molao, ntle le Melaotlhomo ya ditšhelete.
2. Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go tlamela ka maemo –
a. go netefatsa fa ditheo tsotlhe tsa khuduthamaga tsa lekala la puso ya bosetšhaba a ikarabela go Ntlokokoano Bosetšhaba; le
b. go netefatsa tebelelo go –
i. tiragatso ya bolaodi jwa khuduthamaga ya bosetšhaba, go akarediwa le tiragatso ya molao; le
ii. setheo sengwe le sengwe sa puso.

56. Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Ntlokokoano Bosetšhaba
1. Ntlokokoano Bosetšhaba kgotsa ngwe le ngwe ya dikomiti tsa yona di ka –
a. bitsa mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga yona go tlamela ka bopaki a ikanne kgotsa tshepisitse kgotsa go tlhagisa ditokomane;
b. kopa mongwe le mongwe kgotsa setheo sengwe le sengwe go dira pegelo go Ntlokokoano Bosetšhaba;
c. pateletsa go tsamaelana le ditaelo tsa molao wa bosetšhaba kgotsa melawana le ditaelo, mongwe le mongwe kgotsa setheo sengwe le sengwe go itepatepanya le mabaka a go bilediwa kgotlatshekelong kgotsa ditlhokego go tsamaelana le ditaelo tsa temana (a) kgotsa (b); le
d. go amogela diphetišene, dingongorego kgotsa ditlhagiso tsa batho ba ba na leng kgatlhego kgotsa ditheo.

57. Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsamaiso le taolo ya Ntlokokoano Bosetšhaba
1. Ntlokokoano Bosetšhaba e ka –
a. tlhomamisa le go laola dithulaganyo tsa yona tsa tsamaiso le ditsela ya tsamaiso, le
b. go dira melaa le ditaelo tebang le merero ya yona, mme e etse tlhoko kemedi le botsaya karolo jwa botlhe ka kgololosego.
2. Melawana le ditaelo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di tshwanetse go tlamela ka –
a. go tlhamiwa, sebopego, dithat, ditiro, tsamaiso le paka ya dikomiti tsa yona;
b. botsaya karolo mo ditsamaisong tsa Ntlokokoano le dikomiti tsa yona tsa makoko a potlana a na leng boemedi mo Ntlokokoano, ka mokgwa wa kgololosego;
c. thuso ya tšhelete le tsamaiso ya lekoko lengwe le lengwe le le na leng kemedi mo Ntlokokoano go ya ka selekanyo sa baemedi ba sona, go kgontsha lekoko le moeteledipele wa lona go dira ditiro tsa bona mo Ntlokokoano ka manontlhotlho; le
d. kamogelo ya moeteledi wa lekoko le legolo la kganetso mo Ntlokokoano jaaka Moeteledi wa Kganetso.

58. Ditetlelelo
1. Ditokololo tsa Kabinete, Batlatsa Ditona le ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba –
a. ba na le kgololosego ya puo mo Ntlokokoano le mo dikomiting tsa yona, go ya ka melawana le ditaelo tsa yona; e bile
b. ga ba rwale maikarabelo a kgetse ya ngongorego ya semolao kgotsa ya bosenyi, go tshwarwa, kotlhao ya kgolegelo kgotsa tuelo boemong jwa molato ka ntlha ya –
i. sengwe le sengwe se ba se buileng, ba se kwadileng kgotsa tlhagisitseng mo Ntlokokoano kgotsa go nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona; kgotsa
ii. sengwe le sengwe se se utulotsweng ka ntlha ya se ba se buileng mo, se rebotseng fa pele ga, kgotsa tlhagisitseng mo Ntlokokoano kgotsa nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona.
2. Ditetlelelo le ditshireletsego tse dingwe tsa Ntlokokoano Bosetšhaba, ditokololo tsa kabinete le ditokololo tsa Ntlokokoano di ka atlenegisiwa ka molao wa Bosetšhaba.
3. Meputso, diallawanse le ditshiamelo tse di duelwang ditokololo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba di duelwa ka tlhamalalo go tswa go Letlole la Lotseno la Bosetšhaba.

[K.58 boemong jwa k. 4 ya Molaotheo wa Tlhabololo ya Borataro ya Molao wa 2001.]

59. Go Phitlhelelega ga le botsaya karolo jwa setšhaba mo Ntlokokoano Bosetšhaba
1. Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse –
a. go kgonagatsa botsaya karolo jwa setšhaba mo melaong le mo mererong e mengwe ya Ntlokokoano le dikomiti tsa yona; le
b. go tsamaisa merero ya yona mo phatlalatseng, le go tshwara dikopano tsa yona, le ya dikomiti tsa yona mo phatlalatseng; mme, go tshwanetse go tsewa dikgato tse di maleba –
i. go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya Ntlokokoano le dikomiti tsa yona ke baphasalatsi; le
ii. go rulaganya phuruphutso ya mongwe le mongwe, mme fa go le maleba, kiletso ya go tsena kgotsa go tlosiwa ga mongwe le mongwe.
2. Ntlokokoano Bosetšhaba ga ya tshwanela go thibela setšhaba, go akarediwa le baphasalatsi go tsenela kopano ya nngwe ya dikomiti tsa yona, ntle le fa go le matshwanedi e bile go siame go dira jaalo mo pontsheng le kgololosego ya setšhaba.

Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense

60. Sebopego sa Khansele ya Bosetšhaba
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e bopilwe ka moemedi a le nosi go tswa go porofense nngwe le nngwe, e na le baemedi ba le lesome.
2. Baemedi ba ba lesome ke –
a. Baemedi ba bane ba ba kgethegileng e leng –
i. Tonakgolo ya porofense kgotsa, fa Tonakgolo e seyo, tokololo nngwe le nngwe ya kgotla-peomolao ya porofense e e tlhopilweng ke Tonakgolo e ka kakaretso kgotsa mabapi le tiro e e kgethegileng fa pele ga Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense; le
i. baemedi ba bangwe ba bararo ba ba kgethegileng, le
b. baemedi ba ba rataro ba leruri ba ba kgethilweng go ya ka ditaelo tsa karolo 61(2).
2. Tonakgolo ya porofense, kgotsa fa Tonakgolo a seyo, tokololo ya barongwa ba porofense yo o tlhopilweng ke Tonakgolo, Tonakgolo ke ena moeteledipele wa kemedi.

61. Kabelo ya baemedi
1. Makoko a a na leng boemedi mo Kgotla-peomolao ya porofense ba letleletswe go nna le barongwa mo boemeding jwa porofense go ya ka tekanyetso e e tlhalositsweng mo Karolo B ya Mametlelelo 3.
2. a. Mo malatsing a le 30 morago ga phatlatso ya dipholo tsa ditlhopho, kgotla- peomolao ya porofense, e tshwanetse –
i. go tlhomamisa, go tsamaelana le molao wa bosetšhaba gore ke barongwa ba le kae ba ba tla nna kemedi ya leruri, e bile gape ke ba kae ba ba tla nnang baemedi ba ba kgethegileng; le
ii. go tlhopa barongwa ba leruri go ya ka mokgwa tlhagiso ya makoko.
b. ……

[Tema (b) e tlogetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne wa Molao wa 2008.]

[Kl.(2) [Kl.(2) boemong jwa k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002 le ka k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne wa Molao wa 2008]

2. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (2)(a) e tshwanetse go netefatsa kemedi botsaya karolo jwa makoko-potlana mo maphateng oo mabedi, go kemedi ya leruri le kemedi e e kgethegileng ka mokgwa wa kgololosego.
3. Kgotla-peomolao ya porofense ka tumelelano ya Tonakgolo le baeteledipele ba makoko a a na leng tetla ya baemedi ba ba kgethegileng go barongwa ba porofense, e tshwanetse go tlhopa barongwa ba ba kgethegileng, nako le nako fa go tlhokega, go tswa go maloko mangwe a kgotla-peomolao.

62. Baemedi ba leruri
1. Motho yo o kgethilweng jaaka moemedi wa leruri o tshwanetse go nna le tshiamelo ya go nna tokololo ya kgotla-peomolao ya porofense.
2. Fa motho yo e leng tokololo ya kgotla-peomolao ya porofense a tlhopiwa jaaka moemedi wa leruri, motho yoo o tlogela go nna tokololo ya kgotla-peomolao ya porofense.
3. a. Baemedi ba leruri ba tlhopiwa paka e felang -
ka bonako, pele ga kopano ya ntlha ya kgotla-peomolao ya porofense morago ga tlhopo.
b. …….

[Tema (b) e tlogetswe ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]

[Kl.(3) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002 le go emelwa ke kl 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008]

4. Motho o khutla go nna moemedi wa leruri fa motho yoo –
a. a khutla go nonofela go ka tlhophiwa go nna tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense; ka ntlha ya lebaka lengwe ntle le go kgethiwa go nna moemedi wa leruri;
b. a kgethetswe go ya kwa Kabineteng;
c. a latlhegetswe ke boikanyego jwa kgotlapeomolao e bile a bilediwa morago ke lekoko le le tlhagisitseng motho yoo;
d. a khutla go nna tokololo ya lekoko le le mo kgethileng e bile a bilediwa morago ke lekoko leo; kgotsa
e. a seyo mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense ntle le tetla mo mabakeng a melawana le ditaelo tsa Khansele di laetseng tatlhegelo ya tiro jaaka moemedi wa leruri.
5. Diphatlhatiro mo baemeding ba leruri di tshwanetse go tladiwa ka mabaka a peomolao ya bosetšhaba.
6. Pele ditokololo di simolola go dira ditiro tsa tsona mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense, di tshwanetse go ikana, kgotsa go dumela boikanyego ba bona mo Rephaboliking le boikobo mo Molaotheong, go ya ka Mametlelelo 2.

63. Dipitso tsa Khansele ya Bosetšhaba
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka tlhoma nako le boleele ba dipitso tsa yona le dipaka tsa khunologo.
2. Poresidente a ka epa pitso ya Khansele ya Bosetšhaba go tla pitsong e e kgethegileng ka nako nngwe le nngwe go tsamaisa merero e e kgethegileng.
3. Dipitso tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di letleletswe go nna kwa mafelong mangwe ntle le bodulo ba Palamente fela mo mabakeng a kgatlhego ya botlhe, pabalesego kgotsa tshiamelo le fa go rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Khansele.

64. Modulasetulo le Batlatsa Modulasetulo
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanetse go tlhopha Modulasetulo le Batlatsamodulasetulo ba babedi go tswa mo baemeding.
2. Modulasetulo le mongwe wa Batlatsamodulasetulo ba tlhophiwa go tswa mo baemeding ba leruri, dingwaga di le tlhano ntle le fa paka ya bona jaaka baemedi e fela pele ya nako.
3. Motlatsa Modulasetulo o mongwe o tlhophiwa paka ya ngwaga o le mongwe, e bile o tshwanetse go latelwa ke moemedi go tswa porofenseng e nngwe, gore porofense nngwe le nngwe e emelwe ka go latelana jalo.
3. Moatlhodimogolo o tshwanetse go okama ditlhopho tsa Modulasetulo, kgotsa a tlhoma yo mongwe wa baatlhodi go dira jalo. Modulasetulo o okama go tlhophiwa ga Batlatsamodulasetulo.

[Kl.(4) e emetswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

5. Thulaganyo e e atoloswang mo Karolong A ya Mametlelelo 3 e dira mo go tlhophiweng ga Modulasetulo le Batlatsamodulasetulo.
6. Khansele ya Bosetšhaba e ka rola Modulasetulo kgotsa Motlatsamodulasetulo tiro.
7. Go ya ka melao le ditaelo tsa yona Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka tlhopha go tswa mo baemeding baokamedi ba bangwe gape go thusa Modulasetulo le Batlatsabadulasetulo.

65. Ditshwetso
1. Ntle le fa Molaotheo o rulaganyeditseng ka mokgwa o sele –
a. porofense nngwe le nngwe e na le boutu e le esi e e neewang mo boemong ba porofense ke tlhogo ya kemedi ya yona; le
b. dipotso tsotlhe tse di fa pele ga Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di rarabololwa ke fa bonnye diporofense tse tlhano di bouta go dumelelana le potso.
2. Molao wa Palamente, o o tlhomilweng go ya ka tsamaiso e e beilweng ka karolwana(1) kgotsa karolwana(2) ya karolo 76, o tshwanetse go rulaganyetsa tsamaiso e e tshwanang mo mabakeng a diporofense di rolelang thata mo dikemeding tsa tsona go neela diboutu mo boeng ba tsona.

66. Go tsaya karolo ga ditokololo tsa khuduthamaga ya Bosetšhaba
1. Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Tona, ba ka tsena pitso, e bile ba ka bua mo Khanseleng, mme ga ba letlelwe go bouta.
2. Khansele ya Bosetšhaba ya diporofense e ka lopa tokololo ya Kabinete,Motlatsa Tona, kgotsa motlhankedi mo khuduthamageng ya bosetšhaba kgotsa ya porofense go tsena pitso ya Khansele kgotsa ya komiti ya Khansele.

67. Go tsaya karolo ga baemedi ba dipuso selegae
Palo e e sa feteng lesome ya baemedi ba nakwana ba ba rebotsweng ke pusoselegae e e rulaganeng, mo mabakeng a karolo 163, go emela ditlhopa tse di farologaneng tsa bommasepala, ba ka tsaya karolo fa go tlhokega mo ditsamaisong tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, mme ga ba na go bouta.

68. Dithata tsa Khansele ya Bosetšhaba
1. Mo go diragatseng dithata tsa yona tsa peomolao, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka –
a. sekaseka, atlanegisa, tlhabolola, tlhagisa ntlha ya tlhabolola, kgotsa ya kgaphela thoko peomolao nngwe le nngwe e e fa pele ga Khansele go ya ka kgaolo e; e bile
b. e ka simolola kgotsa ya baakanya peomolao e e welang mo karolong ya tiragatso e e kwadilweng mo lenaneong la Mametlelelo 4 kgotsa peomolao nngwe e e umakiwang mo karolong 76(3), fela e ka se simolole kgotsa ya baakanya Melaotlhomo ya ditšhelete.

69. Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Khansele ya Bosetšhaba
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona e ka –
a. bitsa ka molao motho mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga yona go neela bopaki ka go ikana kgotsa go dumela kgotsa go supa dikwalo;
b. e ka lopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go e neela pego;
c. e ka pateletsa, ka mabaka a peomolao ya bosetšhaba kgotsa melawana le ditaelo, motho mongwe le mongwe kgotsa setheo go inaakanya le taelo ya go tlhagelela fa pele ga yona mo mabakeng a temana (a) kgotsa (b); le
d. go amogela diphetišene, boemedi kgotsa ditlhagiso go tswa go batho kgotsa ditheo dingwe le dingwe tse di nang le kgatlhego.

70. Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa Khansele ya Bosetšhaba
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka –
a. tlhomamisa le go laola dithulaganyo tsa yona tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso; le
b. go tlhama melawana le ditaelo tebang le merero ya yona, ka tlhokomelo ya boemedi le tseokarolo ya demokerasi, maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya botlhe.
2. Melawana le ditaelo tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanela go rulaganyetsa –
a. go tlhomiwa, go bopiwa, maatla, ditiro, ditsamaiso le pakatiro ya dikomiti tsa yona;
b. go tsaya karolo ga diporofense mo ditsamaisong tsa yona ka mokgwa o o tsamaelanang le demokerasi;
c. go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa Khansele, le dikomiti tsa yona, ga makokopotlana a a emetsweng mo Khanseleng, ka mokgwa o o tsamaelanang le demokerasi, gangwe le gape fa morero o tshwanetse go swediwa go ya ka karolo 75.

71. Ditetlelelo
1. Baemedi go Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense, le batho ba ba umakiwang mo dikarolong 66 le 67 –
a. ba na le kgololosego ya go bua mo Khanseleng le mo dikomiting tsa yona, go ya ka ga taolo ya melawana le ditaelo tsa yona; gape
b. ga go dikgato fa tlase ga molao wa selegae kgotsa wa tshenyo tse di katsewang kgatlhanong le bona, ga ba na ba tshwarwa, ba tlhatlhelwa kgotsa ba duela ditshenyegelo ka ntlha ya –
i. sengwe le sengwe se ba se buileng mo, ba se supileng fa pele, kgotsa ba se tlhagisitseng go Khansele, kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona; kgotsa
ii. sengwe le sengwe se se upulotseng ka ntlha ya sengwe le sengwe se ba se buileng mo, ba se supileng fa pele, kgotsa ba se tlhagisitseng go Khansele, kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona.
2. Ditetlelelo le ditshireletsego dingwe tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, baemedi go Khansele, le batho ba ba umakilweng mo dikarolong 66 le 67, di ka bewa ke peomolao ya bosetšhaba.
3. Dituelo, ditshiamelo-ketla le dithuso tse di duelwang ditokololo tsa leruri tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ke tsa tuelo e e tlhamaletseng go tswa Letloleng la Lotseno la Bosetšhaba.

72. Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo Khanseleng ya Bosetšhaba
1. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanela go –
a. kgontsha go tsaya karolo ga botlhe mo peomolaong le mo ditiragalong tsotlhe tsa Khansele le dikomiti tsa yona, le
b. go tsamaisa merero ya yona ka mokgwa o o mo pontsheng, le go tsenya dipitso, le ka ga dikomiti tsa yona, mo phatlalatseng; mme, dikgato tse di isegang di ka tsewa –
i. go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya bophasalatsi, go Khansele le dikomiti tsa yona; le
ii. go rulaganyetsa phuruphutso ya motho mongwe le mongwe, le, fa go tshwanela, go kganela go tsena kgotsa go tlosiwa ga motho mongwe le mongwe.
2. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka seka ya thibela setšhaba, go akaretsa le bophasalatsi, mo pitsong ya komiti ya yona, ntle le fa go le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo boaging jo bo buletsweng botlhe le ba demokerasi.

Tiragatso ya Peomolao ya Bosetšhaba

73. Melaotlhomo Yotlhe
1. Molaotlhomo mongwe le mongwe o ka tlhagisiwa mo Kokoanong ya Bosetšhaba.
2. Ke fela tokololo ya Kabinete kgotsa Motlatsa Tona, kgotsa tokololo, kgotsa komiti, ya Kokoano, e e ka tlhagisang Molaotlhomo mo Kokoanong, mme ke fela tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a merero ya ditšhelete tsa bosetšhaba e ka tlhagisang Melaotlhomo e e latelang mo Kokoanong:
a. Molaotlhomo wa madi, kgotsa
b. Molaotlhomo o o tlamelang peomolao e e akanngwang mo karolong 214.

[Kl.(2) e emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001]

3. Molaotlhomo o o umakiwang mo karolong 76(3), ntle le Molaotlhomo o o kailweng mo karolwaneng(2)(a) kgotsa(b) ya karolo e, o ka tlhagisiwa mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense.

[Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

4. Ke fela tokololo, kgotsa komiti ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka tlhagisang Molaotlhomo mo Khanseleng.
5. Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba o tshwanelwa go romelwa go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, fa o tshwanela go sekegelwa ke Khansele; Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Khansele o tshwanetse go romelwa go Kokoano Bosetšhaba.

74. Melaotlhomo e e tlhabololang Molaotheo
1. Karolo 1 le karolwana e, di ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o fetisitsweng ke –
a. Kokoano Bosetšhaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba diperesente di le 75 tsa maloko a yona; le
b. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
2. Kgaolo ya 2 e ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o fetisitsweng ke –
a. Kokoano Bosetšhaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong tsa maloko a yona; le
b. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
3. Kaelo nngwe le nngwe ya Molaotheo e ka tlhabololwa ke Molaotheo o o fetisitsweng ke –
a. Kokoano Bosetšhaba, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong tsa maloko a yona; le
b. Gape ke Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro, fa tlhabololo –
i. e golagane le ntlha e e amang Khansele;
ii. e fetola melelwane ya porofense, dithata, ditiro kgotsa ditheo; kgotsa
iii. e tlhabolola kaelo e e golaganeng ka tlhamalalo le ntlha ya porofense.
4. Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa akaretsa dikaelo dingwe ntle le ditlhabololo tsa molaotheo le dintlha tse di golaganeng le ditlhabololo.
5. Bonnye malatsi a le 30 pele Molaotheo o o fetolang Molaotheo o tlhagisiwa go ya ka karolo 73(2), motho kgotsa komiti e e ikaelelang go tlhagisa Molaotlhomo e tshwanetse –
a. Go phasalatsa mo kaseteng ya bosetšhaba ya puso, go ya ka melao le ditaelotsa Kokoano Bosetšhaba, dintlha tsa tlhabololo e e ikaeletsweng gore botlhe ba tshwaele mo go yona;
b. Go neela, go ya ka melao le ditaelo tsa Kokoano, dintlha tseo go Kgotlapeomolao ya Porofense go tlhagisa maikutlo a bona; le
c. Go neela go ya ka melao le ditaelo tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, dintlha tse go kgontsha gore botlhe ba ganetsane ka tsona, fa tlhabololo e e tsikinngwang e se tlhabololo e go tlhokegang gore e fetisiwe ke Khansele.
6. Fa Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o tlhagisiwa la ntlha, motho kgotsa komiti e e tlhagisang Molaotlhomo e tshwanetse go neela ditshwaelo dingwe le dingwe tse di kwadilweng tse di amogetsweng go tswa mo bathong botlhe le dikgotlapeomolao tsa diporofense –
a. go Mmusakgotla go di tlhagisa mo Kokoanong Bosetšhaba; le
b. go ya ka ditlhabololo tse di umakiwang mo karolwaneng(1)(2) kgotsa(3)(b), go Modulasetilo wa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense go di sekaseka mo Khanseleng.
7. Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa boutelwa mo Kokoanong Bosetšhaba mo malatsing a le 30 a –
a. go tlhagisiwa ga ona, fa Kokoano e le mo pitsong fa Molaotlhomo o tlhagisiwa; kgotsa
b. go sekasekwa ga ona mo Kokoanong, fa Kokoano e le mo boikhutsong fa Molaotlhomo o tlhagisiwa.
8. Fa Molaotlhomo o o umakiwang mo karolwaneng 3(b), kgotsa karolo nngwe le nngwe ya Molaotlhomo, o ama fela porofense e e rileng kgotsa diporofense, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka seka ya fetisa Molaotlhomo kgotsa karolo e e amegang, ntle le fa e amogetswe ke Kgotlapeomolao kgotsa Dikgotlapeomolao tsa porofense kgotsa diporofense tse di amegang.
9. Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o o amogetsweng ke Kokoano Bosetšhaba, le foo go leng maleba, ke Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, o tshwanetse go neelwa Poresidente gore a o rebole.

75. Melaotlhomo ya gale e e sa ameng diporofense
1. Fa Kokoano Bosetšhaba e atlanegisa Molaotlhomo o o welang kwa ntle ga makala a tiragatso a a kwadilweng mo karolong 74 kgotsa 76 e dirang, Molaotlhomo o tshwanetse o go romelwa go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense le gore o sekasekwe go ya ka thulaganyo e e latelang:
a. Khansele e tshwanela go –
i. atlanegisa Molaotlhomo;
ii. atlanegisa Molaotlhomo ka taolo ya ditlhabololo tse di tshisintsweng ke yona; kgotsa ya
iii. kgapela Molaotlhomo thoko.
b. Fa Khansele e atlanegisa Molaaotlhomo ntle le go tshitshinya ditlhabololo, Molaothomo o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
c. Fa Khansele e kgapela Molaotlhomo thoko kgotsa e o fetisa ka ditlhabololo, Kokoano Bosetšhaba e tshwanetse go sekegela Molaotlhomo gape, go tsewa tsiya tlhabololo nngwe le nngwe e e tshitshintsweng ke Khansele, gape e ka –
i. fetisa Molaotlhomo gape, o na le kgotsa ntle le ditlhabololo; kgotsa
ii. ya swetsa go se tswelele ka Molaotlhomo.
d. Molaotlhomo o o atlanegisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba mo mabakeng a tema(c) o tshwanela go tlhagiswa go Poresidente go rebola.
2. Fa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e boutela ntlha e e atlhaatlhiwang mo mabakeng a karolo e, karolo 65 ga e dire; mme boemong ba se –
a. mongwe le mongwe wa baemedi ba porofense o na le boutu e le esi;
b. nngwe-tharong ya baemedi ba tshwanetse go nna teng pele go boutelwa ntlha eo;
c. ntlha e swetswa ka bontsi ba diboutu tse di neetsweng, mme fa go le palo e e maleka ya diboutu ka fa matlhakoreng oomabedi a ntlha, moemedi o a okameng o tshwanela go neela boutu ya makgaolakgang.

76. Melaotlhomo ya gale e e amang diporofense
1. Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o kwadilweng mo dikarolwaneng(3),(4) kgotsa(5) mo Molaotlhomo o, o tshwanetse go romelwa kwa Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense gore o sekasekwe go ya ka dithulaganyo tse di latelang:
a. Kokoano Bosetšhaba e tshwanelwa ke go –
i. fetisa Molaotlhomo;
ii. fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng; kgotsa
iii. go kgapela Molaotlhomo thoko.
b. Fa Molaotlhomo o o amogetsweng ke Kokoano Bosetšhaba ntle le tlhabololo, Molaotlhomo o tshwanelwa ke go neelwa Poresidente go rebola.
c. Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o tshwanelwa go romelwa go Khanseleng ya Bosetšhaba, mme fa Khansele e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
d. Fa Khansele ya Bosetšhaba e kgapela Molaotlhomo thoko, kgotsa fa Kokoano Bosetšhaba e kgapela thoko Molaotlhomo o o tlhabolotsweng oo rometsweng kwa go yona go ya ka mabaka a temana(c), Molaotlhomo o, fa go le maleba, le, 52 Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, e tshwanelwa go romelwa wa Komiting ya Botsereganyi, e e ka dumelelanang ka –
i. Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Kokoano;
ii. Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Khansele; kgotsa
iii. Sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
e. Fa Komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana mo malatsing a le 30, Ka Molaotlhomo o rometsweng mo go yone, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira ntle le fa Kokoano Bosetšhaba e ka fetisa Molaotlhomo gape, mme e tshegeditswe ke boutu ya bonnye pedi-tharong ya ditokololo tsa yona.
f. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba, Molaotlhomo o tshwanela go romelwa Khansele ya Bosetšhaba, mme fa Khansele e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanela go newa Poresidente go o rebola.
g. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba, Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa kwa Khanseleng ya Bosetšhaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
h. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego sengwe sa Molaotlhomo, sebopego seo sa Molaotlhomo se tshwanela go romelwa go Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba, mme fa se fetisiwa ke Kokoano le Khansele, se tshwanetse go neelwa Poresidente go se rebola.
i. Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Khanseleng ya Bosetšhaba go ya ka tema (f) kgotsa (h) mme o sa fetisiwe ke Khansele, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, ntle le fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo e tshegeditswe ke boutu ya bonnye ba pedi-tharong ya maloko a yona.
j. Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Kokoanong ya Bosetšhaba ka mabaka a tema (g) kgotsa (h) o sa fetisiwe ke Kokoano, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, mme Molaotlhomo jaaka o ne o fetisitswe ke Kokoano pele, o ka fetisiwa gape ke Kokoano, mme o tshegediwa ke boutu ya bonnye peditharong ya ditokololo tsa yona.
k. Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba mo mabakeng a tema (e),(i) kgotsa (j) o tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
2. Fa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e fetisa Molaotlhomo o o welang mo lekaleng la tiragatso e e kwadilweng mo karolwaneng (3), Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa go Kokoano Bosetšhaba gore go dirwe ka ona go ya ka thulaganyo e e latelang:
a. Kokoano Bosetšhaba e tshwanelwa ke go –
i. fetisa Molaotlhomo;
ii. fetisa Molaotlhomo o o fetotsweng; kgotsa
iii. go kgaphela Molaotlhomo thoko.
b. Molaotlhomo o o amogetsweng tse Kokoano Bosetšhaba go ya ka temana (a)(i) o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
c. Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o tshwanetse go romelwa go Khansele ya Bosetšhaba, mme fa Khansele e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
d. Fa Kokoano Bosetšhaba e kgaphela Molaotlhomo thoko, kgotsa fa Khansele ya Bosetšhaba e gana go fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o o rometsweng go yona go ya ka tema(c), Molaotlhomo, fa go le maleba, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, di tshwanelwa go romela kwa Komiting ya Botsereganyi, e e ka nnang ya dumelelana ka –
i. molaotlhomo jaaka e fetisitswe ke Khansele;
ii. molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano; kgotsa
iii. sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
e. Fa komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana mo malatsing a le 30 ka Molaotlhomo o rometsweng mo go one, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
f. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Khansele ya Bosetšhaba, Molaotlhomo o tshwanetse go romelwa kwa Kokoano Bosetšhaba, mme fa Kokoano e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
g. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelana ka Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba, Molaotlhomo o tshwanelwa wa romelwa go Khansele ya Bosetšhaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa neelwa Poresidente go o rebola.
h. Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego se sengwe sa Molaotlhomo, sebopego seo sa Molaotlhomo se tshwanela go romelwa kwa Khanseleng ya Bosetšhaba le Kokoano Bosetšhaba ka bobedi, mme fa se fetisiwa ke Khansele le Kokoano, se tshwanelwa go romelwa go Poresidente go se rebola.
i. Fa Molaotlholmo o rometswe go Kokoano Bosetšhaba go ya ka tema(f) kgotsa(h) mme o sa fetisiwe ke Kokoano Bosetšhaba, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
3. Molaotlhomo o ka sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomamisitsweng mo karolwaneng(1) kgotsa(2) fa go rulaganyetswa peomolao ka ponelopele mo go nngwe le nngwe ya dikarolo tse di latelang,
a. karolo 65(2);
b. karolo 163;
c. karolo 182;
d. karolo 195(3)le(4);
e. karolo 196; le
f. karolo 197.
4. Molaotlhomo o tshwanelwa go sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomamisitsweng ke karolwana (1) fa e o rulaganyetsa peomolao–
a. e e bonelwang pele mo karolong 44(2), kgotsa 220(3); kgotsa
b. e e bonelwang pele golo gongwe mo Kgaolong 13, e e amang dikgatlhego tsa matlotlo tsa lekala la puso ya porofense.

[Tema(b) e emetswe ke k. 1 Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]

5. Molaotlhomo o o akantsweng mo karolo 42(6) o tshwanelwa go sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomilweng mo go karolwana (1), ntle le fa –
a. fa Kokoano Bosetšhaba e boutela ka Molaotlhomo, dikaelo tsa karolo 53 (1) ga di dire; boemong ba se, Molaotlhomo o ka fetisiwa fela fa bontsi baditokololo tsa Kokoano di bouta go dumelelana le ona; le
b. fa Molaotlhomo o romelwa go Komiti ya Botsereganyi, melawana e e latelang e a dira:
i. Fa Kokoano Bosetšhaba e sekaseka Molaotlhomo jaaka o akantswe mo go karolwana(1) (g) kgotsa(h), Molaotlhomo oo, o ka fetisiwa fela fa bontsi ba ditokololo tsa Kokoano ba bouta go dumelelana le ona.
ii. Fa Kokoano Bosetšhaba e sekaseka Molaotlhomo jaaka o akantswe mo go karolwana(1)(e),(i) kgotsa (j), Molaotlhomo oo o ka fetisiwa fela fa bonnye pedi-tharong ba ditokololo tsa Kokoano ba bouta go dumelelana le ona.
6. Karolo e, ga e amane le Melaotlhomo ya ditšhelete.

77. Melaotlhomo ya Tšhelete
1. Molaotlhomo ke Molaotlhomo wa tšhelete fa o,
a. lekanyetsa tšhelete;
b. duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso;
c. fedisa kgotsa o fokotsa, kgotsa o rebola dikgololo mo makgethong mangwe le mangwe a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso; kgotsa
d. dumelela dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la Lotseno la Bosetšhaba, ntle le Molaotlhomo o o akanngwang mo karolong 214 o o dumelelang dituediso tsa tlhamalalo.
2. Molaotlhomo wa tšhelete ga o tshwanelwa go samagana le morero mongwe ntle le -
a. morero o monnye malebana le tekanyetso ya tšhelete;
b. go duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso, go fedisa kgotsa go fokotsa;
c. go rebola dikgololo mo makgethong a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso; kgotsa
d. tumelelo ya dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la Lotseno lwa Bosetšhaba.
3. Melaotlhomo yotlhe ya tšhelete e tshwanetse go sekasekiwa go ya ka thulaganyo e e tlhagisiwang ke karolo 75. Molao wa Palamente o tshwanetse go tlamela thulaganyo go tlhabolola Melaotlhomo ya tšhelete fa pele ga Palamente.

[K. 77 e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

78. Komiti ya Botsereganyi
1. Komiti ya Botsereganyi e dirwa ke –
a. ditokololo di le robongwe tsa Kokoano Bosetšhaba di tlhophilwe ke ditokololo tsa Kokoano go ya tsamaiso e e beilweng ka melawana le ditaelo tsa Kokoano mme e dira gore boemedi ba makoko bo nne ka mokgwa o makoko a emetswang ka gone mo Kokoanong; mme
b. moemedi a le mongwe go tswa mo go nngwe le nngwe ya dikemedi tsa diporofense mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense, a supilwe ke kemedi.
2. Komiti ya Botsereganyi e dumelelane ka sebopego sa Molaotlhomo, kgotsa e sweditse ka kgang, fa sebopego seo, kgotsa letlhakore lengwe la kgang, le engwe nokeng ke –
a. bonnye ba le batlhano ba dikemedi tsa Kokoano Bosetšhaba; le
b. bonnye ba le batlhano ba baemedi ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.

79. Hebolo ya Melaotlhomo
1. Poresidente o tshwanelwa ke go rebola le go saena Molaotlhomo o o fetisitsweng go ya ka kgaolo e, kgotsa fa Poresidente a na le dipelaelo ka ga bomolaotheo ba Molaotlhomo, o o busetsa morago go Kokoano Bosetšhaba go sekwasekwa sešwa.
2. Melawana e e tshwaraganetsweng e tshwanetse go neela thulaganyo go, le mokgwa wa, go tsaya karolo mo go sekasekeng sešwa ga molaotlhomo ke Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
3. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tsaya karolo mo go sekasekiweng sešwa ga Molaotlhomo o Poresidente a o buseditseng morago go Kokoano Bosetšhaba fela fa –
a. go sa kgotsofale ga Poresidente ka bomolaotheo ba molaotlhomo bo golagana le morero wa botsamaisi jo bo amang Khansele; kgotsa
b. karolo 74(1),(2) kgotsa(3)(b) kgotsa 76 e ne e dira mo go fetisiweng ga Molaotlhomo.
4. Fa, morago ga kakanyo sešwa, Molaotlhomo o arabela dipelaelo tsa ga Poresidente ka botlalo, Poresidente o tshwanetse go rebola a ba a saena Molaotlhomo; go seng jalo, Poresidente o tshwanela ke go –
a. rebola a bo a saene Molaotlhomo; kgotsa
b. a o romele go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tsaya tshwetso ka bomolaotheo ba ona.
5. Fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e swetsa gore Molaotlhomo o mo Molaotheong, Poresidente o tshwanela go o rebola le go o saena.

80. Kopo ya ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba go Kgotlatshekelo ya Molaotheo
1. Ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba di ka dira kopo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo go senka taelo e e atlholang gore Molao otlhe kgotsa karolo ya Molao, o o fetisitsweng ke Kokoano ga o ka fa molaotheong.
2. Kopo –
a. e tshwanetse ya tshegediwa ke bonnye nngwe-tharong ya ditokololo tsa Kokoano; e bile
b. e tshwanelwa go dirwa morago mo malatsing a le 30, go simolola fa Poresidente a rebola e bile a saena Molao;
3. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka laela gore molao otlhe, kgotsa karolo eo e leng setlhogo sa kopo, ka mabaka a karolotlaleletso (1), ga e na matla go fitlha Kgotlatshekelo e tlhomamisa ka mokgwa mongwe, fa –
a. dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka seo; le
b. fa kopo e na le tšhono ya go atlega.
4. Fa kopo e sa atlega, e bile e sena kgonagalo ya go atlega, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse go laela bakopi go duela ditshenyegelo.

81. Phasalatso ya Melao
Molaotlhomo o amogetsweng le go saeniwa ke Moporesidente e nna Molao wa Palamente, e bile o tshwanetse go phasaladiwa ka bonako, mme o simolola go dira Morago ga go phatlalatswa, kgotsa ka motlha o tlhomamisitsweng go ya ka ditaelo tsa Molao.

82. Polokesego ya Melao ya Palamente
Kgatiso e e amogetsweng ya Molao wa Palamente ke bopaki bo bo feleletseng jwa ditsamaiso tsa Molao oo e bile, morago ga phasalatso, o tshwanelwa go bewa mo polokesegong ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo.