Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 1

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 1: Dikaelo tsa Motheo

1. Rephaboliki ya Aforika Borwa
1. Rephaboliki ya Aforika Borwa ke naga e le nngwe e e ipusang ya demokerasi e e theilweng godimo ga meetlo e e latelang:
a. seriti sa botho, phitlhelelo ya tekatekano le tsweletso ya ditshwanelo tsa botho le dikgololosego.
b. go sa kgethololeng ka bomorafe le ka bong.
c. Bogolo jwa Molaotheo le puso ya molao.
d. Tshwanelo ya bagolo botlhe ya go tlhopha lefatshe lotlhe, lenaane la bosetšhaba le le tlwaelegileng la batlhophi, ditlhopho tsa nako le nako, le mokgwa wa puso ya demokerasi ya makoko-mantsi, go netefatsa maikarabelo, bodiredi bo bo tsibogelang ditlhagiso le tirelo e e mo phatlalatseng.

2. Bogolo jwa Molaotheo
Molaotheo o, ke molao-mogolo wa Rephaboliki; molao kgotsa maitsholo a a kgatlhanong le ona ga a na boleng, le ditlamego tse o di abang di tshwanelwa go diragatswa.

3. Boagi
1. Go na le boagi bo le nosi jwa Aforika Borwa.
2. Baagi botlhe ba -
a. na le tetla ya ditshwanelo ka go lekalekana, ditshiamelo le molemo wa boagi; le
b. ka tekatekano go rwala ditiro le maikarabelo a boagi,
3. Molao wa naga o tshwanetse go tlamela ka phitlhelelo, tatlhegelo le pusetso ya boagi.

4. Pina ya bosetšhaba
Pina ya bosetšhaba ya Rephaboliki e tlhomamisiwa ke Poresidente ka kgoeletso.

5. Folaga ya bosetšhaba
Folaga ya bosetšhaba e bontsho, bogauta, botala, bosweu, bohibidu le botala jwa legodimo jaaka fa e tlhalosiwa e bile e takilwe mo Mametlelelo 1.

6. Dipuo
1. Dipuo tsa semmuso tsa Rephaboliki ke Sepedi, Sesotho, Setswana, Seswati, Tshivenda, Xitsonga, Afrikaans, English, isiNdebele, isiXhosa le isiZulu.
2. Ka go lemoga go nyelela ga tiriso le serodumo sa dipuo tsa batho ba rona, puso e tshwanela go tsaya dikgato tse di bonalang le tse di bontshang kgatelopele go tlhatlosa seemo le ntshetsopele ya tiriso ya dipuo tseno.
3. a. Puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense di ka dirisa dipuo tsa semmuso dingwe le dingwe mo mabakeng a puso, go tsewa tsia tiriso, kgonagalo, ditshenyegelo, mabaka a karolo ya naga, le tekatekano ya ditlhokego le dikgatlhegelo tsa baagi ka bophara kgotsa mo porofenseng e e amegang puso ya bosetšhaba le puso nngwe le nngwe ya porofense di tshwanetse go dirisa di le pedi tsa semmuso.
b. Bommasepala ba tshwanetse go tsaya tsia puo e e diriswang le go kgatlhegelwa ke baagi ba bona.
4. Puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense, ka melao le dikgato dingwe di tshwanetse go laola le go tlhokomela tiriso ya dipuo tsa semmuso. Ntle le go fapoga dithulaganyo tsa karolwana(2), dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanela go newa tlotlomatso e e lekanang e bile di tshwanelwa go tsewa ka tekatekano.
5. Boto ya Dipuo ya Aforika Borwa e e tlhomilweng ke molao wa bosetšhaba e tshwanetse –
a. go tsweletsa le go tlhola maemo a tlhabololo le tiriso ya –
i. dipuo tsotlhe tsa semmuso;
ii. dipuo tsa seKhoi, seNama le seSan; le
iii. puo ya diatla; le
b. go tsweletsa le go netefatsa tlotlo ya-
i. dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ka gale ke ditlhopha tsa batho mo Aforika Borwa, go akarediwa German, Greek, Gujarati, Hindu, Portuguese, Tamil, Telegu, le Urdu; le
ii. Arabic, Hebrew, Sanskrit le dipuo dingwe tse di dirisediwang maikaelelo a tumelo mo Aforika Borwa.