Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Mametlelelo 3

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Mametlelelo 3: Ditsamaiso Tsa Ditlhopho

[Mametlelelo 3 e tlhabolotswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bone wa Molao wa 1999 le k. 19 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001, k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe Molao 21 ya 2002 le k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]

Karolo A: Ditsamaiso tsa Ditlhopho tsa Badiredipuso go ya molaotheo

1. Tiriso
1. Tsamaiso e e tlhalosiwang mo Mametlelelong e, e diragadiwa ka nako tsotlhe fa –
a. Kokoano Bosetšhaba e kopana go tlhopha Poresidente, kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa Mmusakgotla wa Kokoano;
b.Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense le kopana go tlhopha Modulasetilo, Motlatsa-Modulasetilo; kgotsa
c. Kgotlapeomolao ya porofense e kopana go tlhopha Tonakgolo ya porofense kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Kgotlapeomolao.

2. Ditlhagiso
Motho yo o tshwereng marapo mo pitsong e mo go yone mametlelelo e, e dirang o tshwanetse go kopa gore go tlhagisiwe bontlhopheng mo pitsong.

3. Ditlhokego tse di tshwanetseng
1. Tlhagiso e tshwanelwa go dirwa mo foromong e e beilweng go ya ka melao e e umakilweng mo temaneng 9.
2. Foromo e mo go yone go tlhagisiwang maina e tshwanelwa go saenwa –
a. ke ditokololo di le pedi tsa Kokoano Bosetšhaba, fa Poresidente kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Kokoano a tlhophiwa;
b. mo boemong jwa baemedi ba le babedi ba Porofense, fa modulasetulo kgotsa Motlatsamodulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Porofense a tlhophiwa; kgotsa
c. ke ditokololo di le pedi tsa Kgotlapeomolao ya Porofense e e maleba, fa Tonakgolo ya Porofense kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Palamente a tlhophiwa.
3. Motho yo go tlhagisitsweng leina la gagwe o tshwanela go bontsha fa a amogela go tlhophiwa ka go saena foromo ya tlhagiso kgotsa foromo nngwe ya mofuta mongwe e e kwadilweng go netefatsa.

4. Kitsiso ya maina a bontlhopheng
Mo pitsong e mo go yone Mametlelelo e, e dirang, motshwaramarapo o tshwanelwa go itsise maina a batho ba ba tlhagisitsweng jaaka bontlhopheng, mme ga a letle kganetsanyo.

5. Ntlhopheng a le mongwe
Fa go tlhagisiwa ntlhopheng a le mongwe, motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela fa ntlhopheng yo, a tlhophilwe.

6. Tsamaiso ya ditlhopho
1. Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba feta bongwe –
a. boutu e tshwanelwa go dirwa kwa kopanong ka bolato ya sephiri;
b. tokololo nngwe le nngwe e e teng, kgotsa fa e le kopano ya Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense, Porofense nngwe le nngwe e e emetsweng mo pitsong e ka nna ya latlhela boutu e le nngwe; mme
c. motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela ntlhopheng yo o boneng diboutu di le dintsi gore ke ena yo o tlhophilweng.

7. Tsamaiso ya go ntshetsantle/tlosa
1. Fa go se na ntlhopheng yo o boneng diboutu di le dintsi, ntlhopheng yo o boneng diboutu tse di kwa tlase, o tshwanelwa go tlosiwa mme go tswelelwa go boutelwa bonthopheng ba ba setseng go ya ka temana ya 6, Tsamaiso e e tshwanelwa ya boelediwa go fitlhela ntlhopheng a bona palo ya bontsi ba diboutu.
2. Fa go dirisiwa karolwana ya(1), ba le babedi kgotsa go feta ba bontlhopheng o mongwe le mongwe a bone diboutu tse di kwa tlase, boutu e nngwe e tshwanetse ya dirwa ya bontlhopheng ba, mme ya boelediwa ka mo go kgonegang go tlhomamisa gore ke ofe wa bontlhopheng yo o tshwanelwang ke go tlosiwa.

8. Dipitso tse dingwe
1. Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba le babedi fela, kgotsa fa go sala bontlhopheng ba le babedi morago ga tsamaiso ya ntshetsontle e sena go dirisiwa, mme bontlhopheng bao ba bona diboutu tse di lekanang, kopano e nngwe e tshwanetse ya tshwarwa mo malatsing a le supa ka nako e e tla bong e beilwe ke motshwaramarapo.
2. Fa go bidiwa kopano e nngwe gape go ya ka karolwana ya(1), tsamaiso e e beilweng mo mametlelelong e, e tshwanelwa ya salwa morago kwa kopanong/pitsong eo jaaka o kare ke kopano ya ntlha ya ditlhopho tsa go nna jalo.

9. Melawana
1. Moatlhodimogolo o tshwanetse go dira melawana e e kaelang –
a. tsamaiso ya dipitso tse di amiwang ke Mametlelelo e;
b. ditiro tsa motho mongwe yo o tshwereng marapo mo kopanong yo mothale o, le motho mongwe yo o thusang motho yo a tshwerweng marapo;
c. foromo e ditlhagiso(maina) di diriwang mo go yone; le
d. mokgwa o go bouta go tshwanelang go dirwa ka teng.
2. Melawana e, e tshwanetse ya anamisiwa ka tsela e Moatlhodimogolo a beileng ka teng.

[Karolo 9 e emetswe ke k. 19 ya Molao 34 wa 2001.]

Karolo B: Kaelo ya go Tlhomamisa Botsayakarolo jwa makoko mo Dike- meding tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
1. Palo ya baemedi mo kemeding ya porofense go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense eo lekoko le nang le tshwanelo ya bona, e tshwanetse go tlhomamisiwa ka go ntsifatsa palo ya manno a lekoko le a tshwereng mo kgotlapeomolaong ya porofense ka lesome le go arola karabo ka palo ya manno mo kgotlapeomolaong, go bo go tlhakanngwa le nngwe.
2. Fa palelo mo mabakeng a 1 e naya phetiso e e sa monngweng ke baemedi ba ba neilweng lekoko mo mabakeng, phetiso e tshwanetse go gaisana le diphetiso tse di tshwanang le ona a a kokoanelang ke lekoko kgotsa makoko mangwe le mangwe, mme baemedi bangwe le bangwe ba ba sa abiwang mo boemeding ba tshwanelwa ke go abelwa lekoko kgotsa makoko ka tlhomagano ya lefetiso le le kwa godimodimo.
3. Fa diphetiso tse di akanngwang mo karolong 2 di lekana, baemedi ba ba sa abiwang mo boemeding ba tshwanetse go abelwa lekoko kgotsa makoko, le phetiso e e tshwanang ka tatelano ya palo ya diboutu e e kwa godimo go ya go e e kwa tlase, tse do rekotilweng tsa makoko ao , ka motsi wa ditlhopho tsa bofelo malebana le lekgotlapeomelao la porofense e e amegang,

[Karolo 3 e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bone ya Molao wa 1999 le go emelwa ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002 le k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]

4. Fa makoko a feta bongwe a a nang le tshalo e e lekanang a rekotile palo e e lekanang ya diboutu mo ditlhophong tsa bofelo tsa lekgotlapeomelao la porofense e e amegang, lekgotlapeomelao le le amegang le tshwanetse go abela baemedi ba ba sa abiwang mo kemeding ya lekoko ka tshalo eo ka tsela e e inyalanang le temokerasi.

[Ntlha 4 e tlaleleditswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]