Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Mametlelelo 4

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Mametlelelo 4: Makala A Kgolagano A Tiragatso A Bokgoni Jwa Peomolao A Bosetšhaba Le A Porofense

Karolo A

  • Tsamaiso ya dikgwa tsa tlholego
  • Bolemi
  • Boemelafofane, ntle le a boditšhabatšhaba le a bosetšhaba
  • Taolo ya dipholo golo le malwetse
  • Dikhasino, tsa mabelo, go iteka lesego la madi, ntle le kemonokeng ya dikgogo tsa madi tsa bosetšhaba le tsa metshameko
  • Tshireletso ya badirisi
  • Tsa setso
  • Tsamaiso ya tsa matlhotlhapelo
  • Thuto mo dikgatong tsotlhe ntle le thuto ya diyunibesithi le dikolo tsa katiso
  • Tikologo
  • Ditirelo tsa boitekanelo
  • Matlo
  • Molao wa tlhago le wa setso mo taolong ya Kgaolo 12 ya Molaotheo.
  • Tsweletso ya intaseteri
  • Maikaelelo a puo le taolo ya dipuo tsa semmuso go fitlha fa dikaelong tsa karolo 6 ya Molaotheo e rolela ka totobalo go peomolao ya porofense bokgoni ba peomolao
  • Ditirelo tsa phasalatso tse di laolwang kgotsa tse di rulaganyeditsweng ka tlhamalalo ke puso ya porofense ka taelo ya karolo 192
  • Pabalelo ya tlhago, ntle le diphaka tsa bosetšhaba, ditshingwana tsa tlhago tsa bosetšhaba le metswedi ya lewatle
  • Sepodisi go fitlha fa ditaelo tsa kgaolo 11 ya Molaotheo di rolelang lekgotlapeomolao la porofense bokgoni ba peomolao
  • Taolo ya kgotlelego
  • Tlhabololo ya setšhaba
  • Dituelo tsa tshutiso ya dithoto
  • Madirelomagolo a porofense tebang le makala a tiragatso ya Mametlelelo ê, le Mametlelelo 5
  • Dipalangwa tsa botlhe
  • Ditiro tsa botlhe go ya ka ditlhokego tsa mafapha/porofense fela, mo go diragatseng maikarabelo a bona, go tsamaisa ditiro, segolo jang tse ba di abetsweng go ya ka Moloatheo kgotsa molao mongwe
  • Togamaano le tlhabololo ya Kgaolo
  • Melao ya dirori le dipalangwa tsa tsela
  • Tshomarelo ya mmu
  • Bojanala
  • Kgwebo
  • Boeteledipele ba setso go ya ka dikaelo tsa Kgaolo 12 ya Molaotheo
  • Kgolo/Tlhabololo ya metsesetoropo le magae
  • Dilaesense tsa dirori
  • Ditirelo tsa loago


Karolo B
Merero e e latelang ya pusoselegae go ya ka tlhaloso ya karolo 155(6)(a) le (7):

  • Kgotlelego ya loapi
  • Melawana ya go aga
  • Ditlamelo tsa tlhokomelo ya bana
  • Tlamelo ya motlakase le gase
  • Ditirelo tsa botimamolelo
  • Bojanala ba selegae
  • Boemeladifofane tsa bommasepala
  • Bologamaano ba bommasepala
  • Ditirelo tsa boitekanelo tsa bommasepala
  • Dipalangwa tsa botlhe tsa bommasepala
  • Ditirelo tsa ditiro tsa bommasepala tsa botlhe tebang fela le ditlhokego tsa ga mmasepala mo go diragatseng maikarabelo a go tsamaisa ditiro tse ba di rwesitsweng ka totobalo mo Molaotheong o, kgotsa molao mongwe le mongwe
  • Dipontune, diferi, dijiti, dipier le maemelokepe ntle le taolo ya tsamaiso ya dikepe le merero ya boditšhabatšhaba le ya bosetšhaba le merero mengwe e e amegang
  • Tsamaiso ya mekgwa ya go laola merwalela mo mafelong a go agilweng mo go ona Melawana ya kgwebo
  • Metsi le ditirelo tsa go tlosiwa ga leswe go totilwe fela dithulaganyo tsa dikabelo tsa metsi a a leswe a selegae le dithulaganyo tsa go tsholola metsi a matlwana-boithusetso