Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Mametlelelo 2

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Mametlelelo 2: Maikano le Ditumelo tse di Masisi

[Mametlelelo 2 tlhabolotswe k. 2 ya Molao 35 wa 1997 e bile e emetswe ke k. 18 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

1. Maikano kgotsa tshepiso ya boikanyego jwa Moporesidente le Moporesidente wa nama-o-tshwere
Moporesidente kgotsa Moporesidente wa nama-o-tshwere, fa pele ga Moatlhodimogolo, o tshwanetse go ikana/tshepisa boikanyego jaana:

Fa pele ga botlhe ba ba kokoaneng fano, le ka temogo e e tletseng ya tiro e e masisi ya go amogelwa jaaka Moporesidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna, A.B. ke ikana/solofetsa ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa, mme ke tla obamela, ela tlhoko, tshegetsa le go babalela Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke tlhomamisa le go solofetsa ka pelo yotlhe gore ka metlha ke tla–

  • rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe tse di ka senyang Rephaboliki;
  • sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa maAforika Borwa otlhe;
  • go dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le *go ya ka kitso le bokgoni jotlhe jwa me;
  • go direla botlhe tshiamo; le
  • go direla Rephaboliki ka boineelo le batho botlhe ba yona.


(Fa a ikana: Ka ga jaalo a Modimo a nthuse.)

2. Maikano kgotsa tshepiso ya boikanyego jwa motlatsa-Poresidente
Motlatsa-Moporesidente fa pele ga Moatlhodimogolo, kgotsa moatlhodi yo mongwe yo o tlhophilweng ke Moatlhodimogolo o tshwanetse go ikana/tshepisa boikanyego jaana:

Fa pele ga botlhe ba ba kokoaneng fano, le ka temogo e e tletseng ya tiro e e masisi ya go amogelwa jaaka Motlatsa-Moporesidente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna B. ke ikana/tshepisa ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Repaboliki ya Afrika Borwa, ke tla obamela, ela tlhoko, tshegetsa le go babalela Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke tlhomamisa le go solofetsa ka pelo yotlhe gore ka metlha ke tla –

  • rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe tse di ka senyang Rephaboliki;
  • nna mokhanselara yo o bonnete le boikanyego;
  • go dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le *go ya ka kitso le bokgoni jotlhe jwa me le bonnete go ya ka letswalo la me;
  • go direla botlhe tshiamo; le
  • go direla Rephaboliki ka boineelo le batho botlhe ba yona.


(Fa aikana: Ka ga jaalo a Modimo a nthuse.)

3. Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa Ditona le Batlatsatona
Tona nngwe le nngwe le Motlatsatona mongwe le mongwe, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi a neetswe dithata ke Poresidente ya Lekgotla la Molaotheo, o tshwanetse go ikana/dumela jaana:

Nna, A.B. ke ikana/tlatsa ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa, ke tla ikobela, tlotla le go tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe ya Rephaboliki, e bile ke ikemisetsa go dira tiro ya me jaaka Tona/Matlatsatona ka tlotlo le seriti, go nna mokhanselara yo o bonnete le boikanyego, ga nkitla ke ntsha diphiri ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo, le go dira tiro ya me ka boineelo le bokgoni jwa me.

(Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo.)

4. Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri ba diporofense mo Khanseleng ya Bosetšhaba le ditokololo tsa palamente ya Porofense
1. Ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense le Ditokololo tsa Palamente ya Porofense, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa Moatlhodi yo o neilweng dithata ke Moatlhodimogolo, ba tshwanetse ba ikana kgotsa go tlatsa jaana:

Nna, A.B. ke ikana/dumela ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa le go ikobela, tlotla le go tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe ya Rephaboliki, ke solofetsa ka tlhomamiso go dira ditiro tsa me jaaka tokololo ya Kokoano Bosetšhaba/moemedi wa leruri mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense/tokololo ya Palamente ya Porofense ya C D ka moo ke tla kgonang.

(Fa e le maikano: A Modimo o nthuse jalo.)

2. Batho ba ba tlatsang phatlatiro mo Kokoanong Bosetšhaba, boemedi jwa leruri mo Khanseleng Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa Palamente ya Porofense ba ka ikana kgotsa ba tlatsa go ya ka karolwana ya(1) fa pele go motshwara marapo wa Kokoano, Khansele kgotsa Palamente, go ya fela gore seemo ke sefe.

5. Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditonakgolo le ditokololo tsa Makgotlakhuduthamaga a Diporofense
Tonakgolo ya porofense, le tokololo nngwe le nngwe ya kgotla ya Khuduthamaga ya porofense, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi o a nopotsweng ke Moatlhodimogolo, o tshwanetse go ikana/itlama jaaka go latela:

Nna, A.B. ke ikana/itlama ka tlhoafalo, gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa le gore ke tla obamela, ka tlotla le go tshegetsa Molaotheo le molao otlhe o mongwe wa Rephaboliki; e bile ke imemisetsa go tshegeetsa maemo a ofisi ya me jaaka Tonakgolo/tokololo ya Lekgotla la Khuduthamaga ya porofense ya CD ka tlotlo le seriti; go nna mogakolodi wa boammaruri le boikanyego; go se upolole ka tlhamalalo kgotsa ka go se tlhamalale morero mongwe le mongwe, o beilweng mo botshepeging ba me; le go dira ditlamego tsa ofisi ya me ka tlhoafalo le ka bojotlhe ba bokgoni ba me.

(Mo lebakeng la ikano: A Modimo a nthuse jalo.)

6. Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa Batlhankedi ba Boatlhodi
1. Moatlhodi mongwe le mongwe kgotsa moatlhodi wa nama-osa- tshwere, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi yo mongwe yo o nopotsweng ke Moatlhodimogolo, o tshwanetse a ikana kgotsa a tlhomamisa jaaka go latela:

Nna A.B. ke ikana/tlhomamisa ka tlhoafalo gore, jaaka Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo/ Kgotlatshekelokgolo ya E.F./G.H. Kgotlatshekelo, ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa, ke tla tshegetsa ka ba ka sireletsa Molaotheo; e bile ke tla tsamaisa bosiamisi go batho botlhe ka go lekana ntle le poifo, ditlhotlho kgotsa kgobelelo, go ya ka Molaotheo le molao.

(Fa e le mo lebakeng la ikano: A Modimo o nthuse jalo.)

2. Motho yo o tlhomilweng mo ofising ya Moatlhodimogolo wa Kgotlakgolo ya makgaolakgang yo o setseng e se moatlhodi ka nako ya go tlhomiwa go o o tshwanetse a ikana kgotsa a tlhomamisa fa pele ga Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekolo ya Molaotheo.
3. Batlhankedi ba bosiamisi, le batlhankedi ba bosiamisi ba namao- sa-tshwere, ba e seng baatlhodi, ba tshwanetse go ikana/go tlhomamisa mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.