Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 12

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 12: Baeteledipele ba Setso/Magosi

211. Kamogelo
1. Setheo, maemo le seabe sa dipuso tsa setso, go ya ka molao wa setso di amogelesegile, go ya ka Molaotheo.
2. Bolaodi jwa taolo ya setso e e letlang tsamaiso ya molao wa setso, tsamaiso ya molao wa setso o ka dirisiwa go tsamaelana le molao mongwe le mongwe le meetlo e e akaretsang diphetogo go, kgotsa go phimolwa ga molao oo kgotsa meetlo.
3. Dikgotlatshekelo di tshwanetse go dirisa molao wa setso fa molao oo, o amega, go tsamaelana le Molaotheo le molao mongwe le mongwe o o amang molao wa setso.

212. Seabe sa magosi
1. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go tlamela ka seabe sa boeteledipele jwa setso jaaka setheo sa lekala la puso ya selegae mo mererong e e amang baagi ba magae.
2. Go dira ka merero e e amang bogosi, seabe sa magosi, molao wa setso le meetlo ya baagi ba magae ba ba dirisang meetlo ya molao wa setso –
a. molao wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o ka tlamela ka go tlhomiwa ga makgotla a boeteledipele jwa setso; ebile
b. molao wa bosetšhaba o ka tlhoma Khansele ya baeteledipele ba setso.