Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 13

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 13: Ditšhelete

Mabaka a Ditšhelete a Kakaretso

213. Letlole la Lotseno lwa Bosetšhaba
1. Go na le Letlole la Lotseno la Bosetšhaba le tšhelete yotlhe ya puso ya bosetšhaba e tshwanetseng go duelwa go lona, ntle le tšhelete e e tlhopolotsweng ke Molao wa Palamente.
2. Tšhelete e ka gogiwa go tswa go Letlole la Lotseno la Bosetšhaba, fela –
a. go ya ka tekanyetsokabo ya Molao wa Palamente; kgotsa
b. ka tlhamalalo go tswa go Letlole la Lotseno la Bosetšhaba, fa Molaotheo o tlhomamisitse jalo kgotsa mo Molao wa Palamente.
3. Selekanyo sa karolo ya lotseno la porofense le le kgobokantsweng naga ka bophara, e gogiwa ka tlhamamlalo go tswa go sekgwama sa Letlole la Lotseno la Bosetšhaba.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 213: 1 Ferikgong 1998.]

214. Dikgaogano ka tekatekano le dikabo tsa lotseno
1. Molao wa Palamente o tshwanetse go tlamela ka –
a. Selekanyo sa karolo ya lotseno la porofense le le kgobokantsweng gare ga puso ya bosetšhaba ya selegae le ya diporofense;
b. tlhomamiso ya kabelo ya porofense nngwe le nngwe ya kabelo ya selekanyo sa karolo ya lotseno la porofense, le
c. dikabelo ngwe le ngwe e e fiwang diporofense, pusoselegae kgotsa bommasepala go tswa go kabelo ya lotseno leo la puso ya bosetšhaba, le legwe le ngwe la dikabelo tseo di ka diriwang ka ona.
2. Molao o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) o ka atlenegisiwa fela morago go buisanwe le puso ya diporofense, puso e e rulagantsweng ya selegae le Khomišene ya Ditšhelete le ya Matlotlo, le ditshisinyo tsa Khomišene di setse di sekasikilwe, e bile e tshwanetse go ela tlhoko -
a. dikgatlhegelo tsa bosetšhaba;
b. taelo nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirwa malebana le molato wa bosetšhaba le ditlamego tse dingwe tsa bosetšhaba;
c. ditlhokego le dikgatlhego tsa puso ya bosetšhaba tse di rulagantsweng ka maikaelelo;
d. botlhokwa jwa go netefatsa fa diporofense le bommasepala di kgona go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa le go dira ditiro tse ba di abetsweng;
e. bokgoni jwa diporofense le bommasepala go dirisa matlole ka bokgeleke;
f. ditlhokego tsa tlhabololo le tse dingwe tsa diporofense le bommasepala;
g. go sa lekane ga ikonomi gareng ga diporofense le bommasepala;
h. ditlamego tsa diporofense le bommasepala go ya ka molao wa bosetšhaba;
i. keletso ya ditekanyetso tse di na leng botsitso le tse di na leng ponelopele ya kgaoganyo ya lotseno, le
j. tlhokego ya tiriso ya tsamaiso e e farologaneng go ya ka maemo fa go nale maemo a tshoganyetso, kgotsa ditlhokego tsa lobakanyana, le ditlhokego tse dingwe ikaegileng ka dimaikaelelo a a tshwanang.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 214: 1 Ferikgong 1998.]

215. Ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba, diporofense le Bommasepala
1. Ditekanyetsokabo le ditsamaiso tsa ditekanyetsokabo tsa Bosetšhaba, Diporofense le Bommasepala di tshwanetse go ntshetsapele puso e lolameng, maikarabelo le taolo ya moruo wa ikonomi ka manontlhotlho, melato le lephata la baagi.
2. Molao wa Bosetšhaba o tshwanetse go tlhomamisa –
a. mofuta wa ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba, porofense le Mmasepala;
b. dipaka fa ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba le porofense di tshwanetseng go tlhagisiwa ka yona; le
c. ditekanyetsokabo tsa lekala lengwe le lengwe la puso di tshwanetse go bontsha metswedi ya lotseno le tsela eo ditshenyegelo tse di tshisintsweng di tla tsamaelanang le molao wa bosetšhaba ka yona.
3. Ditekanyetsokabo mo lefapheng lengwe le lengwe la puso di tshwanetse go nna le –
a. diponelopele tsa lotseno le ditshenyegelo, go farologantswe gare ga letseno le ditshenyegelo;
b. ditshitsinyo tebang le tuela ya melato e e solofetsweng mo nakong ya kopo; le
c. tshupo ya maikaelelo tebang le madikadimo le mekgwa e mengwe ya dikoloto e e tla oketsang sekoloto sa setšhaba mo nakong ya ngwaga o o latelang.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 215: 1 Ferikgong 1998.]

216. Taolo ya lefapha la bosetšhaba la matlole
1. Molao wa Bosetšhaba o tshwanetse go tlhoma lefapha la matlotlo a bosetšhaba le go tlhomamisa mekgwa go netefatsa taolo e e mo pontsheng go lefapha lengwe le ngwe la puso, ka go itsise–
a. mekgwa ka kakaretso e e maogetsweng ya boruni jwa matlole;
b. tlhaloloso ya ditshenyegelo ka mokgwa o o tshwanang; le
dipeelo le mabaka a matlole a a tshwanang.
2. Lefapha la Motlole a bosetšhaba le tshwanetse go gapeletsa tsamaiso e e tlhalositsweng mo karootlaleletso (1), e bile le ka emisa kabelo ya setheo sa puso, fa setheo seo sa puso se dira tlolomolao e e masisi kgotsa se dira kgatlhanong le ditaelo tse di tlhalositsweng.

[Kl.(2) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

3. Tshwetso ya go emisa kabelo ya matlotlo go porofense go ya ka karolo 214(1)(b) e ka tsewa fela mo maemong a a tlhalositsweng mo karolotlaleletso (2) mme –
a. ga ya tshwanela go emisa kabelo ya matlotlo go feta nako ya matsatsi a 120; e bile
b. e ka tsenngwa tirisong ka bonako, fela e tla felelwa ke nako, ntle le fa e amogelwa ke Palamente ka mokgwa o o tshwanang le o o tlhalositsweng mo karolo 76(1) mme o tlhomimisitswe ka melao le ditaelo tsa ntlo-tlhakanelo ya Palamente. Thulaganyo eno e tshwanetse go konesediwa mo nakong ya matsatsi a le 30 morago ga go diriwa ga tshwetso ke lefapha la matlole la bosetšhaba.

[Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

4. Palamente e ka ntšhwafatsa tshwetso ya go emisa kabelo ya matlole mo nakong ya matsatsi a sa feteng 120, go tsamaelana le tlhaloso ya karolotlaleletso (3).
5. Pele ga Palamente e ka amogela kgotsa ya ntšhwafatsa tshwetso ya go emisa kabelo ya ya matlole ya porofense –
a. Moruni Kakaretso o tshwanetse go begela Palamente; le
b. porofense e tshwanetse tshono ys go iksrsbels kgstlhsnong le ditatofatso le go tlhagisa mabaka a yona fa pele ga komiti.

217. Theko ya thoto
1. Fa setheo sa puso sa puso ya bosetšhaba, ya porofense kgotsa ya selegae, kgotsa setheo sengwe le sengwe se se tlhalositsweng ka molao wa bosetšhaba se dira konteraka ya go reka hoto le ditirelo, se tshwanetse go dira jaalo go ya ka tsamaiso e e lolameng, ya tekatekano le kelotlase le e e tlhokang ditshenyegelo.
2. Karolotlaleletso (1) ga e thibele ditheo tsa puso kgotsa tse di tlhalositsweng mo karolotlaleletso go diragatsa pholisi ya theko ya thoto, e e tlamelang –
a. dikgato tse di letleletsweng fa go abiwa dikonteraka; le
b. tshireletso kgotsa ntshetsopele ya batho kgotsa ditlhopha tsa batho tseo di neng di sa fiwe ditšhono ka ntlha ya kgethololo e e sa lolamang.
3. Molao wa Bosetšhaba o tshwanetse go tlhomamisa lenaanetsamaiso leo pholisi e e tlhalositsweng mo karolotlaleletso (2) a ka tsengwa tirisong.

[Kl.(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

218. Dinetefaletso tsa puso
1. Puso ya bosetšhaba, puso ya porofense kgotsa Mmasepala e ka dumela kadimo ya tšhelete fela fa, e tshepisa eo e tsamaelana le lebaka lengwe le lengwe le le tlhalositsweng mo molaong wa bosetšhaba.
2. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) e ka diragatswa fela morago fa tshitshinyo ngwe le ngwe ya khomišene ya tšhelete le matlole e sekasekilwe.
3. ngwaga mongwe le mongwe, Puso nngwe le nngwe e tshwanetse go phasalatsa kitsiso ya ditirelo tse e tl di dirang.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 218: 1 Ferikgong 1998.]

219. Tuelo ya batlhankedi ba ba dirang tiro ya setšhaba
1. Molao wa Palamente o tshwanetse go tlhomamisa lenaanetsamaiso go –
a. meputso, diallawanse, le ditshiamelo tsa maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri ba Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense, Maloko aKabinete, Batlatsatona, Baeteledipele ba setso le maloko a lekgotlalengwe le lengwe la Boeteledipele jwa setso; le
b. tekanyetso e kwa godimo ya meputso, diallawanse kgotsa ditshiamelo tsa maloko a kgotlapeomolao ya diporofense, maloko a Lekgotla la Khuduthamaga le maloko a makgotla a Mmasepala a ditlhopha tse di farologaneng.
2. Molao wa Bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma khomišene e e ikemetseng go dira dikatlanegiso mabapi le meputso, diallawanse le ditshiamelo tse di tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1).
3. Palamente e ka atlenegisa molao o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) fela morago ga go sekaseka tshitsinyo ngwe le ngwe ya khomišene go ya ka karolotlaleletso (2).
4. Khuduthamaga ya bosetšhaba le ya porofense, Mmasepala kgotsa bothati bongwe le bongwe jo bo maleba e ka tsenya tirisong molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1), fela morago ga go sekaseka ditshitsinyo tsa khomišene e e tlhomileng go ya ka karolotlaleletso (2).
5. Molao wa Bosetšhaba o tshwanetse go tlhoma lenaanetsamaiso go rulaganya meputso, diallawanse le ditshiamelo tsa baatlhodi, basireletsi ba setšhaba, Moruni Kakaretso, le maloko a khomišene nngwe le nngwe e e tlamelwang ke Molaotheo, go akaretswa le bolaoditaolo jwa kgaso e e tlhalositsweng mo karolo 192.

Khomišene ya Ditšhelete le matlole

220. Go tlhomiwa le ditiro
1. Go na le Khomišene ya Ditšhelete le Matlole a Rephaboliki, e e dirang ditshwaelo tse di tlhomamisitsweng mo kgaolong eno, kgotsa molao wa bosetšhaba, Palamente, kgotlapeomolao ya diporofense le botsamaisi bongwe le bongwe jo bo tlhomamisitsweng ke molao wa bosetšhaba.
2. Khomišene e, ikemetse ka bonosi, mme e laolwa fela ke Molaotheo le molao, mme e tshwanetse go dira ka tolamo.
3. Khomišene e tshwanetse go dira, go ya ka Molao wa Palamente, mme fa e dira ditiro tsa yona, e tshwanelwa go ela tlhoko mabaka otlhe, a a botlhokwa, go akarediwa le mabaka a tlhalositsweng mo karolo 214(2).

221. Go thapiwa le pakatiro ya ditokololo
1. Khomišene e na le basadi le banna ba ba latelang, ba thapilwe ke Moporesidente jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba:
a. Modulasetulo le motlatsamodulasetulo;
b. batho ba le bararo ba ba tlhophilweng, morago ga puisano le ditonakgolo, go tswa go lenaane le le rulagantsweng go ya ka mokgwa o o tlhalositsweng ke molao wa bosetšhaba;
c. batho ba le babedi, ba ba tlhophilweng, morago ga puisano le puso ya selegae go tsamaelana le tsamaiso e e tlhalositsweng ka molao wa bosetšhaba, le
d. batho ba bangwe ba le babedi.

[K.1 e emetswe ke k.2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Botlhano wa Molao wa 1999.] [Kl.(1) e emetswe ke k. 7(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

1A. Molao wa Bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) o tshwanetse go tlamela ka botsaya karolo jwa -
a. Ditonakgolo go ya ka lenaaneo le le tlhomamisitsweng mo karolotlaleletso (1)(b); le
b. puso ya selegae e e rulagantsweng go tlhama lenaaneo le le tlhomamisitsweng ka karolotlaleletso (1)(c).

[Kl. (1A) e tsentswe ka k. 7 (b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa wa 2001.]

2. Ditokololo tsa Khomišene, di tshwanetse go nna le maitemogelo a a maleba.
3. Ditokololo di dira nako e e tlhomamisitsweng ka molao ya bosetšhaba. Moporesidente a ka tlosa tokololo mo tirong ka mabaka a maitshwaro a makgwakgwa, tlhaelo ya bokgoni, le go sa dire tiro ka manontlhotlho.

222. Dipegelo
Khomišene e tshwanetse go begela Palamente le diporofense gangwe le gape.

Banka ya Naga

223. Go tlhomiwa
Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, ke banka ya naga ya Rephaboliki, mme e laolwa go ya ka molao wa Palamente.

224. Maikaelelo magolo
1. Maikaelelomagolo a Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, ke go sireletsa boleng jwa tšhelete ka maikaelelo a go sireletsa botsitso le kgodiso ya ikonomi mo Rephaboliking.
2. Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, fa e diragatsa maikaelelo a yona, e tshwanetse go dira ditiro tsa yona e ikemetse, ntle le poifo, go kgetha matlhakore, le kgethololo, kgotsa go gobelela, mme go tshwanetse ga nna le ditherisano ka metlha gareng ga Banka le tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a ditšhelete tsa bosetšhaba.

225. Dithata le ditiro
Dithata le Ditiro tsa Banka ya Resefe ya Aforika Borwa ke tseo ka tlwaelo di dirwang ke dibanka tsa bogare, mme dithata le ditiro di tshwanetse go tlhomamisiwa ka molao wa Palamente, le go diragatswa le go diriwa go ya ka mabaka a Molao oo.

Merero ya Ditšhelete ya Diporofense le Pusoselegae

226. Letlole la Lotseno lwa Porofense
1. Gona le Sekgwama sa Lotseno la Porofense e nngwe le nngwe, mo go duelwang gona tšhelete yotlhe e e amogetsweng ke puso ya porofense, ntle le tšhelete e e kgetholotsweng ka molao wa Palamente.
2. Tšhelete e ka gogiwa go tswa Sekgwama sa Lotseno la Porofense fela –
a. go ya ka tekayetsokabo ya molao wa Porofense; kgotsa
b. fa e gogiwa ka tlhamalalo go tswa Sekgwama sa Lotseno la Porofense, fa Molaotheo kgotsa molao wa Porofense o tlamela ka mokgwa oo.
3. Letlole le le abetsweng Porofense boemong jwa puso ya selegae ya porofense eo, go ya ka karolo 214(1) e gogiwa ka tlhamalalo go tswa go Sekgwama sa Lotseno la Porofense eo.
4. Molao wa bosetšhaba o ka tlhomamisa lenaanetsamaiso leo ka lona -
a. Molao wa porofense o go ya ka karolotlaleletso (2)(b) o letlelelang go gogowa ga tšhelete ka tlhamalalo go tswa go Sekgwama sa Lotseno la Porofense; le
b. Letlole le le abetsweng porofense boemong jwa pusoselegae ya porofense eo go ya ka karolotlaleletso (3) le tshwanetse go duelwa bommasepala ba porofense.

[Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 226: 1 Ferikgong 1998.]

227. Metswedi ya bosetšhaba ya tlamelo ka tšhelete go diporofense le dipusoselegae
1. Pusoselegae le Porofense nngwe le nngwe –
a. e na le tshiamelo ya selekanyo sa lotseno le le kgobokantsweng naga ka bophara, go kgontsha go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa le go diragatsa ditiro tse e di abetsweng; le
b. e ka amogela dikabelo tse dingwe go tswa go lotseno la bosetšhaba, ka mabaka a a rileng, kgotsa go se mabaka ape.
2. Lotseno la koketso le le kgobokantsweng ke diporofense kgotsa bommasepala ga la tshwanelwa go gogiwa go tswa go selekanyo sa karolo, e e kgobokantsweng naga ka bophara, kgotsa go tswa go dikabelo tse dingwe tse di gogiwang go lotseno la puso ya bosetšhaba. Le fa go ntse jalo, puso ya bosetšhaba ga e pateletsege go duela diporofense kgotsa bommasepala ba ba sa kgobokanyeng lotseno go tsamaelana le bokgoni le selekanyo sa lekgetho.
3. Selekanyo sa kabelo ya porofense e e kgobokantsweng naga ka bophara, e tshwanetse go fetisediwa go porofense ka bonako, ntle le phokoletso, ntle le fa phitisetso eo e emisitswe go tsamaelana le mabaka a karolo 216.
4. Porofense e tshwanetse go itlamela ka ditlhokego tse e di tlhokang, go ya ka kabelo ya Molaotheo wa Porofense eo, tseo e leng tlaleletso ya ditlhokego tsa yona tse di tlhalositsweng mo Molaotheong.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 227: 1 Ferikgong 1998.]

228. Makgetho a diporofense
1. Lekgotlapeomolao la porofense le ka tlhomamisa –
a. makgetho, leghwana le maikarabelo a mangwe ntle le lekgetho la letlole, lekgetho la puso, lekgetho la theko le merokotso ya melelwane; le
b. selekanyo se se lekanyeditsweng sa merokotso ya lekgetho kgotsa lekgetho le le tlhomamisitsweng ka molao wa Bosetšhaba, ntle ga lekgetho la kgwebelano, lekgetho la theko, lekgetho la thoto kgotsa lekgetho la melelwane.

[Tema (b) e emetswe ke k. 9 ya Molao 61 wa 2001.]

2. Thata ya kgotlapeomolao wa porofense go tlhomamisa makgetho, merokotso, ditefelo le dituelo tsa tlaleletso –
a. ga ya tshwanela go dirisiwa ka mokgwa o kgobelelang ka tlhamalalo kgotsa ka mokgwa mongwe yo o kgobelelang dipholisi tsa bosetšhaba ya ikonomi,ditirelo tsa ikonomi go kgabaganya melelwane ya diPorofense, kgotsatsamaiso ya dithoto mo nageng, ditirelo, lotseno kgotsa ditiro; le; 152
b. e tshwanetse go laolwa go ya ka molao wa Palamente, o o ka amogelwang fela, morago ga tshisinyo ngwe le ngwe ya Khomišene ya Ditšhelete le Matlole di sekasekilwe.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 228: 1 Ferikgong 1998.]

229. Dithata tsa matlole tsa mmasepala le ditiro tsa ona
1. Go ya ka dikarolotlale (2),(3) le(4), mmasepala a ka tlhoma –
a. selekanyo sa lekgetho la thoto le lekgetho la dituelotse di tlamelwang kgotsa mo boemong jwa mmasepala; le
b. fa e amogetswe ka molao wa bosetšhaba, makgetho a mangwe, makgethwana le makgetho a ditirelo a a lebaneng le pusoselegae kgotsa logato la pusoselegae leo mmasepala yoo a welang mo go yona, mme ga go mmasepala yo o ka tlhomang lekgetho la lotseno, lekgetho la tlaleletso- boleng, lekgetho la theko kgotsa lekgetho la melelwane.
2. Thata ya mmasepala ya go tlhoma selekanyetso sa theko ya thoto, lekgetho la dituelo tsa ditirelo kgotsa boemong jwa ga mmasepala, kgotsa makgetho mangwe, makgethwana kgotsa makgetho a ditirelo –
a. ga go a tshwanelwa go diriwa ka mokgwa yo o tla kgobelelang ka tlhamalalo kgotsa ka mokgwa yo mongwe go kgobelela pholisi ya ikonomi ya bosetšhaba, ditiro tsa ikonomi go kgabaganya melelwane ya mmasepala, kgotsa tsamaiso ya dithoto ya bosetšhaba, lotseno kgotsa ditiro; le
b. o ka laolwa ka molao wa bosetšhaba.
3. Fa bommasepala ba babedi ba na le dithata tse di tshwanang tsa matlole le ditiro mo kgaolong e e tshwanang, kgaoganyo e e siameng ya dithata le ditiro tseo, e tshwanetse go diriwa ka molao wa bosetšhaba. Kgaoganyo e ka diriwa fela morago ga go ela tlhoko bonnye dikaelo tse di latelang:
a. Tlhokego ya go obamela metheo e e lolameng ya lokgetho.
Dithata le ditiro tse di diriwang ke mmasepala mongwe le mongwe.
b. Bokgoni jwa ditšhelete jwa mmasepala mongwe le mongwe.
c. Bokgoni jwa go kgobokanya makgetho, makgethwana le makgetho a ditirelo; le
d. Tekatekano.
4. Ga go sepe mo karolong eno, se se thibelang kgaogano ya lotseno le le kgobokantsweng go ya ka karolo eno, gare ga bommasepala ba ba nang le dithata tsa ditšhelete le ditiro mo kgaolong e e tshwanang.
5. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolong eno, o tshwanetse go amogelwa fela morago ga ditherisano gare ga pusoselegae e e rulaganeng, le Khomišene ya Ditšhelete le Matlole, le Morago fa tshwaelo ngwe le ngwe ya Khomišene e sekasekilwe.

[Letlha la tsenyotirisong ya k. 229: 1 Ferikgong 1998.]

230. Dikadimo tsa Porofense
1. Porofense e ka kokoanya dikadimo tsa tšhelete kgotsa tsa ditshenyegelo tsa jaanong go ya ka molao wa bosetšhaba, mme dikadimo tsa ditshenyegelo tsa jaanong di ka batliwa fa fela go le botlhokwa go ya ka mabaka a tshiamiso ya matlole a ngwaga.
2. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) o ka tlhomamisiwa fela morago fa ditshwaelo tsa Khomišene ya Tsamaiso ya Ditšhelete e sekasekilwe.

[K. 230 e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

230A. Dikadimo tsa mmasepala
1. Khansele ya Mmasepala e ka, go ya ka molao wa bosetšhaba -
a. e ka kokoanya dikadimo tsa tšhelete kgotsa tsa ditshenyegelo tsa jaanong malebana le mmasepala, mme dikadimo tsa ditshenyegelo tsa jaanong di ka batliwa fa fela go le botlhokwa go ya ka mabaka a tshiamiso ya matlole a ngwaga; le 154
b. go itlama le Khansele e e tlang go diragatsa thata ya ona le bolaodi taolo jwa khuduthamaga go bona dikadimo kgotsa dipeeletso malebana le mmasepala.
2. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1) o ka amogelwa fela morago ga ditshwaelo tsa Khomišene ya Ditšhelete le Matlole e sekasekilwe.

[K. 230A e tsentswe ke k. 17 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]