Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Mametlelelo 6

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Mametlelelo 6: Dithulaganyo tsa Kgabaganyo

[Mametlelelo 6 e tlhabolotswe ke k. 20 ya Molaotheo Tlhabololo wa Ntlha wa Molao wa 1997, ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le ke k.20 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boratari wa Molao wa 2001.]

1. Dithanolo
Mo Mametlelelong e, ntle le fa go sa nyalane le bokao –

“Nagalegae” e bolela karolo ya Rephaboliki eo, pele ga Molaotheo wa pele o simolola go dirisiwa, e neng e kaiwa, go ya ka molao wa maloba wa Aforika Borwa, jaaka e e ikemetseng kgotsa e e ipusang;

“Molaotheo o mošwa” bolelela Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996;

“Thulaganyo Taolo ya Maloba” e bolela melao e e neng ya gatisiwa le go dirisiwa pele ga Molaotheo wa pele;

“Molaotheo wa pele” e bolela Molaotheo wa pele wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1993 (Molao 200 wa 1993).

2. Tsweletso ya molao o o leng teng
1. Melao yotlhe e e neng e dirisiwa fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, e tla tswelela go nna mo tirisong, go ya ka –
a. tlhabololo nngwe le nngwe kgotsa go phimolwa gotlhelele; le
b. kgolagano le Molaotheo o mošwa.
2. Molao wa pele o tswelelang go diriswa go ya ka tematlaleletso (1) –
a. ga o na tiriso ya kakaretso, go dikgaolo kgotsa ka mokgwa mongwe go feta eo, e neng e nale yona pele Molaotheo wa maloba o tsengwa tirisong, ntle le fa o tlhabolotswe go nna le matla a kakaretso; le
b. o tswelela pele go diriswa ke bothati jo bo neng bo o dirisa fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, go ya ka Molaotheo o mošwa.

3. Tlhaloso ya molao o o leng teng
1. Ntle le fa go sa tsamaelaneng le bokao kgotsa go se maleba, taelo ka ga molao mongwe le mongwe yo o neng o dirisiwa fa Molaotheo o mošwa o tsena taolong –
a. tebang le Rephaboliki ya Aforika Borwa kgotsa naga legae (ntle le fa e ama tikologo e ya sedika) e tshwanetse go tsewa jaaka taelo e bolelang ka gaRephaboliki ya Aforika Borwa go ya ka Molaotheo o mošwa;
b. tebang le Palamente, Ntlokokoano Bosetšhaba, kgotsa Senoto, e tshwanetse go tsewa jaaka taelo e bolelang ka ga Palamente, Ntlokokoano Bosetšhaba kgotsa Khansele ya Bosetšhaba ya diporofense go ya ka Molaotheo o mošwa;
c. tebang le Moporesidente, Motlatsa Moporesidente, Tona, Motlatsa Tona kgotsa Kabinete, e tshwanetse go tsewa jaaka e bolelang ka ga moporesidente, Motlatsa Moporesidente, Tona, Motlatsa Tona kgotsa Kabinete go ya ka Molaotheo mošwa, go ikaegilwe ka temana 9 ya Mametlelelo eno;
d. tebang le Moporesidente, ya Senoto, e tshwanetse go tsewa jaaka e bolelang ka ga Modulasetulo wa Khuduthamaga Bosetšhaba ya Diporofense;
e. tebang le kgotlapeomolao ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga ya Khansele kgotsa leloko la Khuduthamaga ya Khansele ya Porofense, e tshwanetse go tsewa jaaka e bolelang ka ga kgotlapeomolao ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga ya Khansele kgotsa leloko la Khuduthamaga phetisi go ya ka Molaotheo o mošwa, karolotlaleletso 12 ya Mametlelelo e; kgotsa
f. tebang le puo ya semmuso kgotsa dipuo, e tshwanetse go tsewa fa e bolela e nngwe ya dipuo tsa semmuso go ya ka molaotheo o mošwa.
2. Ntle le fa go sa tsamaelane le bokao kgotsa go se maleba, taelo ya molao wa maloba e e sa ntse e setse –
a. tebang le Palamente, kgotla ya Palamente, kgotsa Ntlokokoano Khuduthamaga ya theomelao kgotsa karolo ya Rephaboliki kgotsa nagalegae,e tshwanetse go tsewa fa e bolela –
i. Palamente go ya ka Molaotheo o mošwa, fa taelo ya molao o, e abilwe kgotsa e rebotswe go ya ka Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo eno, go Khuduthamaga ya bosetšhaba; kgotsa
ii. Kgotlapeomelao ya Porofense, fa taolo ya molao o, e abilwe kgotsa e rebotswe go ya ka Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo e, go Khuduthamaga ya Porofense.
b. tebang le Moporesidente wa Naga, Tonakgolo, Motsamaisi kgotsa Mokhuduthamaga-mogolo mongwe, Kabinete, Khansele ya ditona kgotsa Khansele ya Khuduthamaga ya Rephaboliki kgotsa ya nagalegae, e tshwanetse go tsewa fa e bolela –
i. Moporesidente go ya ka Molaotheo o mošwa, fa taolo ya molao o, e abetswe Khuduthamaga ya bosetšhaba go ya ka Molaotheo wa pele kgotsa go ya ka Mametlelelo e; kgotsa
ii. Tonakgolo ya Porofense go ya ka Molaotheo o mošwa, fa taelo ya molao o, e abetswe Khuduthamaga ya Porofense, go ya ka Molaotheo.

4. Ntlokokoano Bosetšhaba
1. Mongwe le mongwe yo e neng e le leloko, kgotsa mongwe wa batsamaisi ba Ntlokokoano Bosetšhaba fa Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, o tla nna leloko kgotsa mongwe wa batsamaisi ba Kokoano Bosetšhaba go ya ka Molaotheo o mošwa, e bile o tla nna mo tirisong go ya ka Molaotheo mošwa.
2. Go ya ka tlhaloso ya tematlaleletso (1), Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go tsewa jaaka ekare e tlhomilwe go ya ka Molaotheo o mošwa go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
3. Go ya karolo 49(4) ya Molaotheo o mošwa, Ntlokokoano Bosetšhaba e bopilwe ka maloko a le 400 boemong jwa paka ya yona, e e khutlang ka 30 Moranang 1999.
4. Melawana le ditaolo tsa Ntlokokoano Bosetšhaba tse di dirisiwang fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, di tla tswelela go dirisiwa ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa phimolwa.

5. Tiro ya Palamente e e sa fediwang
1. Tiro nngwe le nngwe ya Ntlokokoano Bosetšhaba e e sa fediwang fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong e tshwanetse go tsweletswa go ya ka Molaotheo o mošwa.
2. Tiro nngwe le nngwe ya Senoto e e sa fediwang fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong e tshwanetse go fitisetswa go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense go tsweletswa ke Khansele go ya ka Molaotheo o mošwa.

6. Ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba
1. Ga go ditlhopho tsa Ntlokokoano Bosetšhaba tse di tla tshwarwang pele ga 30 Moranang, 1999 ntle le fa Ntlokokoano Bosetšhaba e phatlaladitswe go ya ka karolo 50(2) ya Molaotheo o mošwa, morago ga godiriwa ga tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Moporesidente go ya ka karolo 102(2) ya Molaotheo o mošwa.
2. karolo 50(1) ya Molaotheo o mošwa e kgaphelwa thoko go fitlhela ka 30 Moranang, 1999.
3. Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya Molaotheo o, jaaka o tlhabolotswe ka Tlaletso A mo Mametlelelong eno, o ama –
a. ditlhopho tsa ntlha tsa Ntlokokoano Bosetšhaba go ya ka Molaotheo o mošwa;
b. go latlhegelwa ke boloko jwa Ntlokokoano go ka ka mabaka ntle le a a tlhalositsweng mo karolo ya 47(3) ya Molaotheo o mošwa; le
c. go tlatswa ga diphatlhatiro tsa Ntlokokoano, le tlaleletso, tshekatsheko, le tiriso ya manaane a maina a makoko a sepolotiki, go tlatsa diphatlhatiro, go emela ditlhopho tsa bobedi tsa Ntlokokoano go ya ka Molaotheo o mošwa.
4. Karolo 47(4) ya Molaotheo o mošwa e kgaphelwa thoko go fitlhela ditlhopho tsa bobedi tsa Ntlokokoano Bosetšhaba go ya ka Molaotheo o mošwa.

7. Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
1. Boemong jwa nako e e felang ka bonako, pele ga kopano ya ntlha ya kgotlapeomolao ya Porofense, e e tshwariwang fela morago ga ditlhopho tsa yona tsa ntlha go ya ka Molaotheo o mošwa –
a. selekanyo sa baemedi ba makoko a sepolotiki mo Khansele Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanetse go tshwana le selekanyo se se dirisitsweng gotlhopha kemedi ya maloko a le (10) lesome ya basenoto, ba batlhophilweng go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele; le
b. kabo ya baemedi ba leruri le baemedi ba ba kgethegileng ba makoko a a emetsweng mo kgotlapeomolao wa diporofense bo ntse jaana:

Porofense
Baemedi ba Leruri
Baemedi ba ba Kgethegileng
1. Kapa Botlhaba
ANC 5, NP 1
ANC 4
2. Foreisetata
ANC 4, FF 1, NP 1
ANC 4
3. Gauteng
ANC 3, DP 1, FF 1, NP 1
ANC 3, NP 1
4. KwaZulu-Natal
ANC 1, DP 1, IFP 3, NP 1
ANC 2, IFP 2
5. Mpumalanga
ANC 4, FF 1, NP 1
ANC 4
6. Kapa Bokone
ANC 3, FF 1, NP 2
ANC 2, NP 2
7. Porofense ya Bokone
ANC 6
ANC 4
8. Bokone Bophirima
ANC 4, FF 1, NP 1
ANC 4
9. Kapa Bophirima
ANC 2, DP 1, NP 3
ANC 1, NP 3


2. Lekoko le le emetsweng mo go Kgotlapeomelao ya Porofense le –
a. tshwanetse go supa baemedi ba leruri go tswa go ba e neng e le maloko a Senoto fa Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, ba bile ba ikemiseditse go nna baemedi ba leruri; le
b. ka go tlhopa batho ba bangwe go nna baemedi ba leruri fa go se ope wa basenatoro kgotsa palo e e sa lekaneng e sa ikemisetsa.
3. Kgotlapeomelao ya Porofense e tshwanetse go supa baemedi ba leruri go ya ka tekanyetso ya makoko a emetsweng.
4. Ditematlaleletso (2) le (3) di dira fela mo go tlhongweng ga ntlha ga baemedi ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
5. Karolo 62(1) ya Molaotheo mošwa ga e amane le go supiwa le go tlhongwa ga Basenatoro jaaka baemedi ba leruri go ya ka karolo e.
6. Melawana le ditaolo tsa Senoto tse di dirisiwang fa Molaotheo o Mošwa o tsena mo taolong, di tshwanetse go dirisiwa mo mererong ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba go ya ka fa di ka dirisiwang, go fitlha di tlhabololwa kgotsa di phimolwa.

8. Ba ba kileng ba nna Basenatoro
1. Yo o kileng a nna mosenatoro a bile a se mo boemeding ba Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Diporofense, o tshwanetse go nna leloko la kgotlatheomelao ya Porofense e a neng a e emetse jaaka mosenatoro go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele.
2. Fa mosenatoro a itlhophela go se nne leloko la kgotlapeomolao ya Porofense, o tla tsewa gore o rotse tiro jaaka mosenatoro letsatsi pele ga Molaotheo o mošwa o tsena taolong.
3. Tuelo, ditetlo le ditshiamelo tsa yo a neng a le mosenatoro mme a tlhomilwe jaaka moemedi wa leruri kgotsa e le leloko la Kgotlatheomelao ya Porofense, ga di a tshwanela go fokotswa ka gope fa a tsena tirong e.

9. Khuduthamaga ya Bosetšhaba
1. Mongwe le mongwe yo o neng a le Moporesidente, Motlatsa Moporesidente, Tona kgotsa Motlatsa Tona go ya ka Molaotheo wa pele, o tsweletsa ka maemo a a jaana fa Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, go dumelelang le karolwana(2) ya Molaotheo mošwa.
2. Go fitlha ka 30 Moranang, 1999, dikarolo 84, 89, 90, 91, 93 le 96 tsa Molaotheo o Mošwa, di tshwanetse go tsewa le go utlwisiswa jaaka di tlhagelela mo Tlaleletsong B ya Mametlelelo e.
3. Karolwana(2) ga e thibele Tona e e neng e le mosenatoro fa Molaotheo o mošwa o tsena taolong go tsweletsa go nna Tona, jaaka go tlhagisitswe mo karolo 91(1)(a) ya Molaotheo o Mošwa, go ya ka fa karolo e e beilweng ke Tlaleletso B.

10. Dikgotlatheomelao tsa Diporofense
1. Mongwe le mongwe yo e neng e le leloko kgotsa mongwe wa Batsamaisi ba Kgotlapeomelao fa Porofense ya Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, o tla tswelela go nna leloko kgotsa mongwe wa batsamaisi ba Kgotlapeomolao ya Porofense go ya ka Molaotheo o mošwa, mme a tsweletsapele tiro ya gagwe ya boloko kgotsa botsamaisi go ya ka Molaotheo o mošwa le Molaotheo wa Porofense o o ka tlhangwang.
2. Kgotlapeomolao ya Porofense e e tlhamilweng go ya ka karolwana(1) e tshwanetse go kaiwa jaaka e e tlhophilweng ka Molaotheo o mošwa go fitlhelela ka 30 Moranang 1999 fa letlha la yona le khutla.
3. Go fitlha bokhutlo jwa paka ya yona e e khutlang ka 30 Moranang 1999, le go ya ka karolo 108(4), kgotlatheomelao ya Porofense e tla botšwa ke palo e e akaretsang maloko a kgotlapeomolao ya Porofense go ya ka Molaotheo wa pele le palo ya basenatoro ba ba fetogileng maloko a kgotlapeomolao ya Porofense go ya ka karolwana 8 ya Mametlelelo e.
4. Melawana le ditaolo tsa kgotlapeomelao ya Porofense, tse di neng di dirisiwa fa Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, di tswelela go dirisiwa, ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa fetolwa.

11. Ditlhopho tsa Dikgotlapeomolao tsa Diporofense
1. Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya Molaotheo oo, jaaka e tlhabolotswe ka Tlaleletso A mo Mametlelelong e, e a dira –
a. go ditlhopho tsa ntlha tsa kgotlapeomolao ya Porofense go ya ka Molaotheo o mošwa;
b. go latlhegelwa ke boloko ba kgotlapeomolao ka mabaka mangwe ntle le a a neetsweng go karolo 106(3) ya Molaotheo o mošwa; le
c. go thiba diphatlatiro tsa kgotlapeomolao, go emisetsa, go boeletsa le go dirisa manaane a maina a makoko go thiba diphatlhatiro, go fitlhelela ka nako ya ditlhopho tsa bobedi tsa kgotlapeomolao go ya ka Molaotheo o mošwa.
2. Karolo 106(4) ya Molaotheo o mošwa e emisitswe nakonyana tebang le kgotlapeomolao ya Porofense go fitlha nako ya ditlhopho tsa bobedi go ya ka Molaotheo o mošwa.

12. Dikhuduthamaga tsa Diporofense
1. Mongwe le mongwe yo e neng e le Tonakgolo kgotsa leloko la khuduthamaga ya Porofense fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong/taolong, o tla tswelela ka maemo a, go ya ka Molaotheo o mošwa le fa e le Molaotheo mongwe le mongwe wa Porofense, o o ka tlhomiwang, go ikaegilwe ka tematlaleletso (2).
2. Go fitlhelela fa Tonakgolo e e tlhophilweng ka ditlhopho tsa pele tsa kgotlatheomelao ya Porofense, go ya ka Molaotheo o mošwa, e simolola tiro, kgotsa Porofense e tsenya Molaotheo wa yona taolong, go laola gore go tlile eng pele, dikarolo 132 le 136 tsa Molaotheo o mošwa, di tshwanetse go tsewa jaaka di tlhagelela mo go Tlaleletso C ya Mametlelelo e.

13. Melaotheo ya Diporofense
Molaotheo wa Porofense o o amogetsweng pele Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, o tshwanetse go dumelelana le karolo 143 ya Molaotheo o mošwa.

14. Thebolelo ya melao go Diporofense
1. Molao malebana le morero o o tlhalositsweng mo Mametlelelo 4 kgotsa 5 tsa Molaotheo o mošwa, tse, pele Molaotheo o mošwa o tsena tirong, di neng ditsamaisiwa ke bothati jwa khuduthamaga ya Bosetšhaba, e ka rebolwa ke Moporesidente ka kgoeletso, go bothati taolo jo bo leng mo khuduthamaga ya Porofense e e tlhophilweng ke Khansele ya Khuduthamaga ya Porofense.
2. Go fitlha mo mabakeng a a kgontshang thebolo ya molao mo tematlaleletso (1) gore e diragatswe ka botlalo, Moporesidente a ka dira kgoeletso ya go –
a. tlhabolola kgotsa baakanya molao o gore o tlhaloganyege le go dirisiwa;
b. fa thebolo e sa ame karolo yotlhe ya molao, go fedisiwa le go amogelwa seshwa kgotsa ntle le ditlhabololo le dipakaanyo kgotsa ntle le tsona go tshwana le mo go temana (a), ditaelo tseo tirelo e welang ka fa tlase ga tsona, kgotsa ka moo di amegang ka teng ke ditirelo; kgotsa
c. laola ntlha nngwe le nngwe e e tlhokegang, e e bakilweng ke thebolelo, go akaretsa go sutisiwa kana go sutiswa nakwana ga badiri le fa e le go sutiswa ga matlotlo, disuga, ditshwanelo le ditlamego, go tswa kgotsa go ya go khuduthamaga ya bosetšhaba kgotsa ya porofense kgotsa lefapha lengwe le lengwe la puso, botsamaisi, ditirelo tsa pabalesego kgotsa setheo sengwe.
3. a. Kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso lengwe le lengwe le le ntshitsweng go ya ka temana(1) kgotsa(2) le tshwanetse go fetisetswa go Kokoano Bosetšhaba le go Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Diporofense mo matsatsing a a lesome 10 morago ga kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso.
b. Fa bobedi, Kokoano Bosetšhaba le Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Diporofense, bo ka swetsa go se amogele lekwalokgoeletso kgotsa kaelo nngwe ya lona, lekwalokgoeletso kgotsa kaelo ya lona, e a fela ntle le go ama kapa go akaretsa –
i. boleng jwa ditiro tsotlhe tse di simolotsweng go ya ka lekwalokgoeletso kgotsa kaelo ya lona, pele e fela; kgotsa
ii. ditshiamelo le ditšhono, kana ditlamego le dikoloto tse di nnileng teng pele ga go fedisiwa.
4. Fa molao o rebotswe go latela temana (1), kumako mo molaong o o ka ga bothati jo bo o diragatsang, e tshwanetse go tsewa fa e kaya bothati jo bo neetsweng taelo ke thebolo eo.
5. Thebolo nngwe le nngwe ya molao go ya ka karolo 235(8) ya Molaotheo wa pele, go akarediwa ditlhobololo, dipaakanyo kgotsa go phimolwa le go tlhongwa gape ga molao, le fa ele kgato nngwe le nngwe e e tserweng mabapi le karolo eo, e kaiwa fa e dirilwe go ya ka karolwana e.

15. Melao e e leng teng, e e leng kwa ntle ga dithata tsa peomolao ya Palamente
1. Bothati jwa Khuduthamaga ya Bosetšhaba jo bo diragatsang taelo ya melao mengwe e e leng kwa ntle ga dithata tsa peomolao ya Palamente fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, bo tla tswelelapele go diragatsa melao ya ga jaana go fitlhelela bolaodi taolo jwa bothati jwa khuduthamaga ya Porofense, go ya ka karolwana 14 ya Mametlelelo e.
2. Karolwana (1) e tla fedisiwa dingwaga tse pedi fa morago ga Molaotheo o mošwa o tsene mo tirisong.

16. Dikgotlatshekelo
1. Dikgotlatshekelo tsotlhe tse di leng teng, go akaretswa le tsa setso tsa magosi, fa molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, di tla tswelelapele go dira le go diragatsa boatlhodi go latela molao o o amanang le tsona, mme mongwe le mongwe yo o dirang mo dikgotlatshekelong tseno, jaaka motlhankedi wa boatlhodi, le ena o tla ntshetsapele tiro kgotsa go dira, go ya ka melao e e maleba, a laolwa ke –
a. tlhabololo nngwe le nngwe kgotsa go phimolwa ga molao oo; le
b. kgolagano le Molaotheo o mošwa.
2. a. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo wa pele e tla nna Kgotlatshekelo ya Molaotheo go ya ka Molaotheo o mošwa.
b. …

[Tematlaleletso 16(2)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

3. a. Karolo ya‘Boikuelo’ya Kgotlatshekelo-kgolo ya Aforika Borwa e tla nna Kgotlatshekelo-kgolo ya Boikuelo go ya ka Molaotheo mošwa.
b. …

[Tematlaleletso 16(3)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

4. a. Karolo ya Porofense kgotsa ya selegae, ya kgatlatshekelo kgolo ya Aforika Borwa, kgotsa Kgotlatshekelokgolo ya Nagalegae kgotsa karolo nngwe ya Kgotlatshekelo eo, e tla nna Kgotlatshekelokgolo go ya ka Molaotheo o mošwa, ntle le go fetola tokologotaelo ya tsona, go ikaegilwe kadikakanyetso tse di ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana(6).
b. Mang kapa mang yo o dirang kgotsa a tsewa a dira jaaka Poresidente wa Boatlhodi kgotsa motlatsa-Poresidente kgotsa moatlhodi wa Kgotlatshekeloe e jalo, go ya ka Molaotheo o mošwa, go ikaegilwe ka dikakanyetso tsedi ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana (6).
5. Ntle le fa go sa nyalane le diteng kgotsa go fapaane le tsona gotlhelele, kumako ya molao kgotsa tiragatso e kaya –
a. kgotlatshekelo Molaotheo go ya ka Molaotheo wa pele, e tshwanetse go bonwa/go tsewa fa e kaya kgotlatshekelo ya Molaotheo go ya ka Molaotheoo mošwa;
b. karolo ya Boikuelo ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, e tshwanetse go tsewa fa e kaya Kgotlatshekelo kgolo ya Boikuelo; gape
c. karolo ya Porofense kgotsa ya selegae ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, kgotsa Kgotlatshekelokgolo ya naga legae kgotsa, karolo kakaretso ya Kgotlatshekelo eo, e tshwanetse go tsewa fa e kaya Kgotlatshekelokgolo.
6. a. Fela fa morago ga Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, dikgotlatshekelo tsotlhe, go akaretswa popego, tlhamo, tiro ya tsona, maatlataolo a tsona le melao yotlhe e e maleba, di tshwanetse go akanyediwa/lekanyediwa ka bonako bo bo kgonegang, go lebilwe thulaganyo ya semolao e e tshwanelang ditlhokego tsa Molaotheo o mošwa.
b. Leloko la Kabinete le le lebaneng le tiragatso ya tsa Bosiamisi, morago ga go rerisana le Komišene ya Ditirelo tsa Boatlhodi, le tshwanetse go laola dikakanyetso tse di lebeletsweng, go ya ka temana (a).
7. a. Mongwe le mongwe yo o dirang, fa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Tlhabololo ya Molao 2001, o tsena mo tirisong, jaaka-
i. Moporesidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, o nna Moatlhodimogolo go ya ka tlhaloso ya karolo 167(1) ya Molaotheo o mošwa,
ii. Motlatsa Moporesidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, o nna Motlatsa Moatlhodimogolo go ya ka tlhaloso ya karolo 167(1) ya Molaotheo o mošwa,
iii. Moatlhodimogolo, o nna Moporesidente ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo go ya ka tlhaloso ya karolo 168(1) ya Molaotheo o mošwa, gape
iv. Motlatsa Moatlhodimogolo, o nna Motlatsa Moporesidente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo go ya ka tlhaloso ya karolo 168(1) ya Molaotheo o mošwa.
b. Melao yotlhe, melawana kgotsa dikaelo tse di mo tirisong tse di diriwang ke Moporesidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo kgotsa Moatlhodimogolo ka bonako pele Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Tlhabololo ya Molao 2001 e tsena tirisong, e tswelela go tsena tirisong go fitlha e phimolwa kgotsa e tlhabololwa.
c. Fa fela e sa tsamaelane le bokao kgotsa e se maleba thata, kaetso malebana le molao mongwe le mongwe kgotsa thulaganyo go Moatlhodimogolo kgotsa goMoporesidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, e tshwanetse go ranolwajaaka kaetso e mabapi le Moatlhodimogolo jaaka go akanngwa mo karolong167(1) ya Molaotheo o mošwa.

[Tematlaleletso 16(7) e tlaleleditswe ke k. 20(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

17. Dikgetse tse di sa welang
Dithulaganyo tsotlhe tse di neng di emisitswe mo kgotlatshekelo pele ga Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, di tshwanetse di atlholwa fela jaaka e kete Molaotheo o mošwa ga o ise o dirisiwe, ntle le fa ditlhokego tsa bosiamisi di bona go le maleba.

18. Bothati ba Botšhotšhisi
1. Karolo 108 ya Molaotheo wa pele e tla tswelela go dirisiwa go fitlhelela fa Molao wa Palamente, o o solofetsweng go ya ka karolo 179 ya Molaotheo o mošwa, o tsena mo tirisong. Le fa go le jalo, temana e ga e amane ka gope le go tlhongwa ga Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Botlhe, go ya ka karolo 179.
2. Mmueledi kakaretso, yo o mo tirong a fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, o tla tsweletsa tiro ya gagwe, go ya ka molao o o amanang le yona, a ikaegile ka tematlaleletso (1).

19. Maikano le tshepiso ya boikanyego
Motho yo a tswelelang go dira go ya ka Mametlelelo e, mme a kanne kgotsa a dirile tumelo ya boammaaruri go ya ka Molaotheo wa pele, ga a patelesege go boeletsa maikano a kgotsa tumelo ya boammaaruri, go ya ka Molaotheo o mošwa.

20. Ditheo Dingwe tsa Molaotheo
1. Mo karolong e,“Ditheo tsa Molaotheo”di kaya;
a. Mosireletsi wa Botlhe;
b. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho;

[Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]

c. Khomišene ya Tekatekano ya Bong;
d. Moruni-Kakaretso;
e. Banka ya Resefe ya Aforika Bowa;
f. Khomišene ya Ditšhelete le Matlole;
g. Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi; kgotsa
h. Boto ya Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa.
2. Ditheo tsa Molaotheo tse di tlhomilweng go ya ka Molaotheo wa pele di tla tsweletsa tiro go ya ka molao o maleba, mme mongwe le mongwe yo o nang le tiro jaaka leloko la, khomišene, boto ya Banka ya Resefe, Boto ya dipuo tsotlhe ya Aforika Borwa, Mosireletsi wa botlhe kgotsa Moruni-Kakaretso, fa Molaotheo o mošwa o tsena taolong, o tla tswelela go nna mo tirong eo, go ya ka molao o o lebaneng maemo a a jalo, go ikaegilwe ka –
a. go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa ga molao; le
b. go nyalana le Molaotheo o mošwa.
3. Dikarolo, 199(1), 200(1),(3) le(5) le (11) go fitlha go 201 le 206, tsa molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa go fitlha fa di phimolwa ka Molao wa Palamente o o rebolwang go ya ka karolo 75 ya Molaotheo o mošwa.
4. Maloko a Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi, e e umakiwang mo go karolo 105(1)(h) ya Molaotheo wa pele, a felelwa ke boloko jwa khomišene fa maloko a a umakilweng mo karolong 178(1)(i) ya Molaotheo o mošwa a tlhomiwa.
5. a. Khansele ya Volkstaat e e tlhamilweng go ya ka Molaotheo wa pele e tswelela go dira go ya ka molao o o maleba, mme mongwe le mongwe yo o dirang jaaka leloko la Khansele fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, o tla tswelela ka maemo a go latela molao o maleba go lebeletswe –
i. tlhabololo efe kapa efe kgotsa go phimolwa ga molao; le
ii. go nyalana le Molaotheo o mošwa.
b. Dikarolo 184A le 184B (1)(a), (b) le (d) tsa Molaotheo wa pele di tswelela go dirisiwa go fitlhelela fa di phimolwa ka Molao wa Palamente ya Molaotheo o mošwa go ya ka karolo 75 o o rebotsweng.

21. Peo ya Melao go ya ka Molaotheo o mošwa
1. Fa go ya ka Molaotheo o mošwa, go tlhokega go bewa ga molao wa puso ya bosetšhaba kgotsa ya Porofense, molao o o jalo o tshwanela go bewa ke bothati bo bo lebaneng ka bonako bo bo kgonegang, morago ga letlha le Molaotheo o mošwa o tsentsweng mo tirisong.
2. Karolo 198(b) ya Molaotheo o mošwa, ga e a tshwanela go tsena mo tirisong go fitlhelela fa molao o, go ya ka yona o tshwanetseng go bewa o beilwe.
3. Karolo 199(3)(a) ya Molaotheo o mošwa ga e a tshwanela go tsena mo tirisong pele ga dikgwedi tse tharo fa morago ga go amogelwa ga molao o.
4. Molao wa bosetšhaba o o lebeletsweng go ya ka karolo 217(3) ya Moloaotheo o mošwa o tshwanetse go bewa mo nakong ya dingwaga tse tharo morago ga go tsena mo tirisong ga Molaotheo o mošwa, fela go se nne teng ga molao o mo nakong e e beilweng ga go itse tsweletso ya maikemisetso a a umakiwang ke karolo 217(2).
5. Go fitlhelela Molao wa Palamente o o tlhalositweng mo karolo 65(2) ya Molaotheo o mošwa o tsenngwa mo tirisong, Kgotlapeomolao nngwe le nngwe ya porofense e tla swetsa tsamaiso ya yona ya gore ke bothati bofe jo e bo neelang baemedi ba bona go neelana ka diboutu boemong jwa bona mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense.
6. Go fitlhelela molao yo o tlhalositweng mo karolo 229(1)(b) ya Molaotheo o mošwa e tsenngwa mo tirisong, mmasepala o tswelela go kgona go tlhoma makgetho, makgethwana le makgetho a dithoto, a a neng a ntse a rebotswe go a tlhoma fa Molaotheo o simolola.

22. Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano
1. Mo godimo ga dikaelo tse dingwe tsa Molaotheo o mošwa le ntle le go phimolwa ga Molaotheo wa pele, dikaelo tsotlhe tse di amanang le tebalelo, go ya ka Molaotheo wa pele, tse di akareditsweng ka setlhogo “Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano”, di tsewa jaaka karolo ya Molaotheo o mošwa. ka maikaelelo a Dikaelo tsotlhe tsa Molao wa Tsweletso ya Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano, 1995 (Molao 34 wa 1995), o o tlhabolotsweng, go akarediwa maikaelelo a botlhokwa jwa ona.
2. Malebana le karolwana (1), letlha ‘6 Sedimonthole 1993’ mo le tlhagelelang teng mo dikaelong tsa Molaotheo o o fetileng ka fa tlase ga setlhogo ‘Tshwaragano ya Bosetšhaba le Poelano’, le tshwanetse go buisiwa e le ‘11 Motsheganong 1994’.

[Tematlaleletso (2) e tlaleleditswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Ntlha wa Molao wa 1997.]

23. Molaotlhomo wa Ditshwanelo
1. Melao ya bosetšhaba e e solofetsweng go ya ka dikarolo 9(4), 32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o mošwa, e tshwanetse go tlhongwa mo nakong ya dingwaga tse tharo morago ga letsatsi le Molaotheo o mošwa o tseneng mo tirisong ka lona.
2. Go fitlhelela melao e e lebeletsweng go ya ka dikarolo 32(2) le 33(3) tsa:
a. …xxx
b. …xxx

“Molaotheo o mošwa, e bewa–
(a) kgato ya botsamaisi jo bo ka fa molaong fa nngwe ya ditshwanelo kana dikgatlego tsa gagwe di amega kgotsa di tshosediwa;
(b) dikgato tse di rulaganeng tsa tsamaiso e e lolameng fa nngwe ya ditshiamelo kgotsa ditsholofelo tse di amogelesegang di amega kana di tshosediwa;
(c) go neelwa mabaka a kwadilwe tebang le tsamaiso e e amanang le nngwe ya ditshwanelo kana dikgatlhegelo tsa gagwe, ntle le fa mabaka a tsamaiso e e jalo a itsisitswe phatlalatsa; le
(d) tsamaiso e e lolameng tebang le mabaka a a jaana a a neilweng, fa e nngwe ya ditshwanelo e amega kgotsa e tshosediwa.”.

3. Dikarolo 32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o mošwa, di a fela fa melao e e lebeletsweng mabapi le tsona e sa tsweletswa mo nakong ya dingwaga tse tharo fa morago ga go tsena tirisong ga Molaotheo o mošwa.

24. Tsamaiso-puso le Ditirelo tsa Pabalesego
1. Dikarolo 82(4)(b), 215, 218(1), 219(1), 224 go isa go 228, 236(1),(2),(3),(6), (7)(b), le(8), 237(1) le(2)(a) le 239(4) le(5) tsa Molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa fela go tshwana le fa Molaotheo o o sa phimolwa, go ikaegilwe ka –
a. ditlhabololo tsa dikarolo tse di tlhagisitsweng mo go
tlhabololo nngwe le nngwe e e ka dirwang kgotsa go phimolwa ga dikarolo tseo ka Molao wa Palamente o o ka bewang go ya ka karolo 75 ya Molaotheo o mošwa; le
b. go dumelelana ga tsona le Molaotheo o mošwa.
2. Khomišene ya Bodiredipuso le dikhomišene tsa ditirelo tsa Porofense tse di umakiwang mo kgaolong 13 ya Molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa go ya ka kgaolo e, le melao e e amanang le kgaolo e, jaaka e kete kgaolo e ga e a phimolwa, go fitlhela Khomišene le dikhomišene tsa diporofense di tlosiwa, ka Molao wa Palamente o o amogelang, go ya ka karolo 75 ya Molaotheo o mošwa.
3. Go phimolwa ga Molaotheo wa pele ga go amane le kgoeletso e e ka dirwang go ya ka karolo 237(3) ya Molaotheo wa pele mme dikgoeletso tse dingwe tse di jalo di tla tswelela go dirisiwa, go ikaegilwe ka –
a. go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa; le
b. go dumelelana le Molaotheo o mošwa.

25. Tlaleletso ya dikiletso/dikganelo mo dikgotlatheomolaong
1. Mongwe le mongwe mo Rephaboliki yo o neng a goga kotlo ya go feta dikgwedi tse 12 mo kgolegong ntle le tumelelo ya faene, fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, ga a dumelelwa go nna leloko la Kokoano Bosetšhaba kana ya kgotlatheomolao ya Porofense.
2. Go ilediwa ga motho go ya ka temana (1) –
a. go khutla fa kotlo e ka emisiwa ke go ikuela ka ngongorego kgatlhanong le katlholo, kgotsa ya khutswafatswa go nna e e sa lekaneng go mo iletsa; le
b. go khutla fa morago ga dingwaga tse tlhano a ntse a atlhotswe.

26. Puso selegae
1. Go sa nyatwe ditaelo tsa karolo 151, 155, 156 le 157 tsa Molaotheo o mošwa –
a. dikaelo tsa Molao wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1993 (Molao 209 wa 1993) jaaka fa o ka tlhabololwa nako le nako ke peomolao ya bosetšhaba go lepalepana le Molaotheo o mošwa, di nna mo tirisong malebana le Khansele ya Mmasepala go fitlha Khansele ya Mmasepala e e tsenang mo boemong jwa Khansele eo e kaiwa e tlhophilwe ka ntlha ya ditlhopho tsa kakaretso tsa ntlha tsa Dikhansele tsa Bommasepala morago ga tsenyotirisong ya Molaotheo o mošwa; le

[Tematlaleletso 26(1)(a) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]

b. moeteledipele wa setso wa morafe o o laolwang ke thulaganyo ya molao wa setso, mme a nna mo karolong ya taolo ya Khansele ya Kgabaganyo ya Pusoselegae, Khansele ya kgabaganyo ya pusomorafe kgotsa khansele ya kgabaganyo ya boemedi, tse di umakiwang mo Molaong wa Kgabaganyo waPusoselegae, 1993, mme e bile a supilwe go ya ka karolo 182 ya Molaotheo wa pele, ke mookamedi-wa-kwa-ntle, yo a tshwanelwang ke go nna leloko la Khansele eo go fitlha Khansele ya Mmasepala e e tsenang mo boemong jwa khansele eo e kaiwa e tlhophilwe ka ntlha ya ditlhopho tsa kakaretso tsa ntlha tsa Dikhansele tsa Bommasepala morago ga tsenyotirisong ya Molaotheo o mošwa.

[Tematlaleletso (b) e emetswe ke k. 5(a) ya Molao 65 wa 1998.]

2. Karolo 245(4) ya Molaotheo wa pele e tswelela go dira, go fitlhelela tiriso ya karolo eo e khutla. Karolo 16(5) le(6) ya Molao wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1933, o ka seka wa phimolwa pele ga di 30 Moranang 2000.

[Tematlaleletso (2) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molao 65 wa 1998.]

27. Polokego/tshomarelo ya Melao ya Palamente le ya Diporofense
Dikarolo 82 le 124 tsa Molaotheo o mošwa ga di ame go bolokwa ga melao ya Palamente le ya Diporofense e e amogetsweng pele ga Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong.

28. Kwadiso ya dithoto tse di sa suteng tse e leng tsa puso
1. Fa bothati jo bo nang le bokgoni bo tlhagisa setifikeiti se se reng thoto e e sa suteng e e leng ya puso e beilwe mo mmusong o o rileng go ya ka Karolo 239 ya Molaotheo o o fetileng, mokwadisi wa makwalo a dithoto o tshwanetse go dira dikwadiso kgotsa ditlanyo, mo rejisetareng e e maleba, setifikeite sa bosupi jwa dithoto kgotsa lokwalo lengwe go kwadisa thoto e e sa suteng eo mo leineng la mmuso oo.
2. Ga go na lekgetho la dithoto, tuelo kgotsa tuediso epe e e duelwang mabapi le go kwadisa go ya ka tematlaleletso (1).