Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 9

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 9: Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Demokerasi ya Molaotheo

181. Go tlhomiwa ga tsona le metheo ya taolo
1. Ditheo tse di latelang di tiisa demokerasi ya molaotheo mo Rephaboliking:
a. Mosireletsi wa Setšhaba.
b. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.

[Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]

c. Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Setso, Bodumedi, le Ditlhopha tsa dipuo.
d. Khomišene ya Tekatekano ya Bong.
e. Moruni-Kakaretso.
f. Khomišene ya Ditlhopho.
2. Ditheo tse di ikemetse ka nosi, e bile di laolwa fela go ya ka Molaotheo le molao, mme ga di a tshwanela go tsaya letlhakore e bile di tshwanetse go dirisa maatla a tsona le go dira ditiro tsa tsona ntle le poifo, ditlhotlho le kgobelelo.
3. Ditheo tse dingwe tsa puso, ka mokgwa wa dikgato tsa semolao le tse dingwe, di tshwanetse go thusa le go sireletsa ditheo tseno, go netefatsa go ikemela ga tsona, go se tseye letlhakore, seriti le bokgoni ka botswererere jwa ditheo tseno.
4. Ga go motho ope kgotsa setheo sepe sa puso se se tshwanetseng go itshunya- tshunya le ditiro tsa ditheo tseno.
5. Ditheo tse di ikarabela go Ntlokokoano Bosetšhaba, mme di tshwanetse go bega ka ditiro le tiragatso ya ditiro tsa tsona mo Ntlokokoano, bonnye gangwe ka ngwaga.

Mosireletsi wa Setšhaba Sotlhe

182. Ditiro tsa Mosireletsi wa Setšhaba
1. Mosireletsi wa Setšhaba o na le dithata go ya ka tlhomamiso ya molao wa bosetšhaba –
a. go tlhotlhomisa maitsholo mangwe le mangwe mo mererong ya puso, kgotsa mo tsamaisong ya Setšhaba mo lekaleng lengwe le lengwe la puso leo le latofadiwang, belaelwang ka tsamaiso e motsopodia kgotsa maitshwaro a sa lolamang kgotsa kgobelelo;
b. o tshwanetse go bega ka maitshwaro ao; le
go tsaya dikgato tsa tshiamiso tse di maleba.
2. Mosireletsi wa Setšhaba o na le dithata le ditiro tsa tlaleletso gape tse a di abelwang go ya ka molao ya bosetšhaba.
3. Mosireletsi wa Setšhaba ga a tshwanela go batlisisa ditshwetso tsa kgotlatshekelo.
4. Mosireletsi wa Setšhaba o tshwanetse go fitlhelelwa ke batho le baagi botlhe.
5. Pegelo nngwe le nngwe e e tlhagisitsweng ke Mosireletsi wa Setšhaba e tshwanetse go fitlhelelwa ke botlhe, ntle le fa mabaka a a kgethegileng, a tla tlhomamisiwang go ya ka ditaelo tsa molao wa bosetšhaba a tlhoka gore pegelo e bolokiwe e le sephiri.

183. Pakatiro
Mosireletsi wa Setšhaba o thapiwa paka ya ngwaga di le supa tse di sa ntšhwafadiweng.

Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa

184. Ditiro tsa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa
1. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e tshwanetse go –
a. godisa tlotlo ya ditshwanelo tsa botho le mowa wa ditshwanelo tsa botho;
b. godisa, tshireletso, tlhabololo le phitlhelelo ya ditshwanelo tsa botho; le
c. tshekatsheko le tlhomamiso ya mametlelelo a maemo a ditshwanelo tsa botho mo Rephaboliking.
2. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e na le dithata, jaaka go tlhomamisitswe ka molao ya bosetšhaba, tse di tlhokegang go tiro ya yona, go akaretswa matla–
a. a go batlisisa le go dira pegelo mametlelelo ya ditshwanelo tsa botho;
b. a go tsaya dikgato tsa go siamisa mabaka moo, ditshwanelo tsa botho digatakilweng gona;
c. a go dira dipatlisiso; le
d. a go ruta.
3. Ngwaga mongwe le mongwe, Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho e tshwanetse go lopa ditheo tsa puso tse di maleba go tlamela Khomišene ka tshedimoso ya dikgato tse ba di tsereng go fitlhelela ditshwanelo tsa botho tebang le matlo, tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi, tshireletsego ya loago, thuto le tikologo.
4. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e na le dithata le ditiro tsa tlaleletso gape tse di tlhalositsweng mo moloa wa bosetšhaba.

[K. 184 e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]

Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa setso, Bodumedi le Ditlhopha tsa Dipuo

185. Ditiro tsa Khomišene
1. Maikaelelo magolo a Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa setso, Bodumedi le Ditlhopha tsa Dipuo ke –
a. go godisa tlotlo ya ditshwanelo tsa setso, bodumedi le ditlhopha tsa dipuo;
b. go godisa le go atisa kagiso, botsalana, botho, kgotlelelo le bongwe fela jwa bosetšhaba fa gare ga ditlhopha tsa setso, bodumedi le tsa ditlhopha tsa dipuo, ka itepatepanya le maemo a tekano, go se kgethololwe, le kamano e e gololosegileng; le
c. go tshitsinya go tlhomiwa kgotsa kamogelo, go ya ka molao wa bosetšhaba, ya lekgotla la setso kgotsa makgotla a mangwe kgotsa makgotla a baagi kgotsa ditlhopha mo Aforika Borwa.
2. Khomišene e na le thata, jaaka go tlhomamisitswe ka molao wa bosetšhaba, o o tlhokegang go fitlhelela maikaelelo magolo a yona , go akarediwa le maatla a go sekaseka, go tlhatlhoba, go batlisisa, go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega ka merero e e amang ditshwanelo tsa ditlhopha tsa setso, bodumedi le ditlhopha tsa dipuo.
3. Khomišene e ka begela Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa go batlisisa morero mongwe le mongwe o o welang ka fa tlase ga dithata tsa ona le tiro ya yona.

[Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]

4. Khomišene e na dithata le ditiro tsa tlaleletso gape tse di tlhalosiwang ke molao wa bosetšhaba.

186. Sebopego sa Khomišene
1. Palo ya ditokololo tsa Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Ditlhopha tsa setso, Bodumedi le Dipuo, thapiwa ga bonale le ditaelo tsa bona di tshwanetse go tlhomamisiwa ka molao wa bosetšhaba.
2. Sebopego sa Khomišene se tshwanetse –
a. go nna le baemedi ka kakaretso ba ditlhopha tsotlhe tsa setso, bodumedi le dipuo tsa mo Aforika Borwa; le
b. go bontsha ka kakaretso sebopego sa bong sa Aforika Borwa.

Khomišene ya Tekatekano ya Bong

187. Ditiro tsa Khomišene ya Tekatekano ya Bong
1. Khomišene ya Tekatekano ya Bong e tshwanetse go tsweletsa tlotlo ya tekatekano ya bong le tshireletso, kgodiso le phitlhelelo ya tekatekano ya bong.
2. Khomišene ya Tekatekano ya Bong e na le maatla, jaaka go theilwe ka molao wa bosetšhaba, o o tlhokegang go dira ditiro tsa yona, go akarediwa thata ya go sekaseka, go tlhotlhomisa, go batlisisa, go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega merero e e amang tekatekano ya bong.
3. Khomišene ya tekatekano ya bong e na le dithata le ditiro tsa tlaleletso gape go ya ka molao wa bosetšhaba.
Moruni-Kakaretso

188. Ditiro tsa Moruni-Kakaretso
1. Moruni-Kakaretso o tshwanetse go runa le go dira pegelo ka matlotlo, kanegelo ya matlotlo le tsamaiso ya matlotlo ya –
a. mafapha otlhe a bosetšhaba le diporofense le ditsamaiso;
bommasepala botlhe; le
b. setheo sengwe le sengwe kgotsa kemedi nngwe le nngwe e e rweleng maikarabelo a a tlhokegang ka taolo ya molao wa bosetšhaba kgotsa waporofense go runwa ke Moruni-Kakaretso.
2. Mo godimo ga ditiro tse di tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1), e bile le go tsamaelana le laola ya molao nngwe le nngwe, Moruni Kakaretso a ka runa le go bega ka ga tiriso ya matlotlo, dikanegelo tsa matlotlo le tsamaiso ya matlotlo ya –
a. setheo sengwe le sengwe se se duelwang go tswa mo Letloleng la Lotseno la Bosetšhaba, lotseno la porofense kgotsa la mmasepala; kgotsa
b. setheo sengwe le sengwe, se se na leng thata go ya ka molao mongwe le mongwe go amogela madi a boemong mabaka a go thusa setšhaba.
3. Moruni-Kakaretso o tshwanetse go dira dipego tsa boruni mo kgotlapeomolao nngwe le nngwe e e na leng kgatlhego e e maleba mo thunong, le go bothati bongwe le bongwe jo bo tlhalositsweng ke molao wa bosetšhaba. Dipegelo tsotlhe di tshwanetse go diriwa phatlalatsa.
4. Moruni-Kakaretso o na le dithata le ditiro tsa tlaleletso tse di tlhalositsweng ke molao wa bosetšhaba.

189. Pakatiro
Moruni-Kakaretso o tshwanetse go thapiwa paka e e lekanyeditsweng, e e sa ntšhwafadiweng, ya gare ga dingwaga di le tlhano go ya go di le lesome.

Khomišene ya Ditlhopho

190. Ditiro tsa Khomišene ya Ditlhopho
1. Khomišene ya Ditlhopho e tshwanetse go –
a. laola ditlhopho tsa bosetšhaba, tsa porofense, le makgotla a peomolao ya bommasepala go ya ka molao wa bosetšhaba;
b. netefatsa fa ditlhopho di gololesegile e bile di lolame; le
c. go phasalatsa dipholo tsa ditlhopho mo nakong e e tlhomamisitsweng ka molao wa bosetšhaba, ka bonako jo bo kgonagalang.
2. Khomišene ya Ditlhopho e na le dithata le ditiro tsa tlaleletso tse di tlhalositsweng ke molao wa bosetšhaba.

191. Sebopego sa Khomišene ya Ditlhopho
Khomišene ya Ditlhopho e tshwanetse gore bonnye e nne le batho ba le bararo. Palo ya ditokololo le paka ya go dira ga bona, e tshwanetse tlhomamisiwa ke molao wa bosetšhaba.

Bolaodi jo bo Ikemetseng jwa Taolo ya Kgaso

192. Bolaodi jwa Kgaso
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go tlhoma bolaodi jo bo ikemetseng jwa taola ya kgaso go laola dikgatlhego tsa setšhaba, le go netefatsa tolamo le pharologanyo ya dikakanyo tsa setšhaba sa Aforika Borwa ka bophara.

Dikaelo-Kakaretso

193. Go thapiwa
1. Mosireletsi wa Setšhaba le ditokololo tsa Khomišene ngwe le ngwe e e tlhomilweng go ya ka Kgaolo eno, e tshwanetse go nna le basadi le banna ba e leng –
a. baagi ba mo Aforika Borwa;
b. ba ba nonofileng, e bile ba siametse go tshwara maemo a tiro e e kgethegileng eo; e bile
c. ba ikamanya le ditlhokego tse di tlhomamisitsweng ke molao wa bosetšhaba.
2. Tlhokego ya go tlhama khomišene go tsamaelana le kgaolo ê, go bontsha ka bophara sebopego sa merafe le bong jwa maAforika Borwa se tshwanetse go elwa tlhoko fa go thapiwa badiredi ba Khomišene.
3. Moruni-Kakaretso o tshwanetse go nna mosadi kgotsa monna yo e leng moagi wa Aforika Borwa e bile a nonofile, a siametse go tshwara maemo a tiro eo. Boitseanape jwa, kgotsa maitemogelo, a boruni, matlotlo a puso, le tsamaiso ya puso di tshwanetse go elwa tlhoko fa go thapiwa Moruni-Kakaretso.
4. Moporesidente, ka tshitsinyo ya Kokoano Bosetšhaba, o tshwanetse go thapa Mosireletsi wa Setšhaba, Moruni-Kakaretso le Ditokololo tsa –
a. Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa;

[Tema(a) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]

b. Khomišene ya Tekatekano ya Bong; le
c. Khomišene ya Ditlhopho.
5. Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go tshitsinya maina a batho –
a. ba ba kgethilweng ke komiti ya Ntlokokoano ka tekatekano go ya ka kemedi ya ditokololo tsa makoko otlhe a emetsweng mo Ntlokokoano;
b. ba ba amogetsweng ke Ntlokokoano ka tshwetso ya tshegetso ya diboutu -
i. dile bonnye diperesente di le 60, tsa maloko a Ntlokokoano, fa kamogelo e ama go thapiwa ga Mosireletsi wa Setšhaba kgotsa Moruni-Kakaretso; kgotsa
ii. bontsi jwa maloko a Ntlokokoano, fa kamogelo e ama go thapiwa ga leloko la Khomišene.
6. Kamego ya baagi mo tsamaisong ya ditshitsinyo e ka rulaganwa go ya ka tlhomamiso ya karolo 59(1)(a).

194. Go ntshiwa mo tirong
1. Mosireletsi wa Setšhaba, Moruni Kakaretso kgotsa tokololo ya Khomišene e e tlhomilweng ka Kgaolo ê, a ka ntshiwa mo tirong fela –
a. ka ntlha ya lebaka la maitshwaro a makgwakgwa, tlhaela ya bokgoni kgotsa maitemogelo;
b. fa Komiti ya Ntlokokoano Bosetšhaba e dirile tshwetso ya mofuta oo; le
c. fa Ntlokokoano e amogetse tshwetso ya gore motlhankedi yoo, a tlosiwe mo tirong.
2. Tshwetso ya Ntlokokoano Bosetšhaba mabapi le go tlosiwa mo tirong ga –
a. Mosireletsi wa Setšhaba, kgotsa Moruni-Kakaretso e tshwanetse go diriwa ka kamogelo ya bonnye pedi-tharo ya diboutu tsa maloko a Ntlokokoano; kgotsa
b. leloko la Khomišene le tshwanetse go amogelwa ka tshegetso ya bontsi jwa diboutu tsa maloko a Ntlokokoano.
3. Moporesidente –
a. a ka kgaola motho mo tirong nako nngwe le nngwe morago ga tshimologo ya ditsamaiso tsa komiti ya Ntlokokoano Bosetšhaba mabapi le go ntsha motho yoo mo tirong; le
b. a ka ntsha motho mo tirong fa Ntlokokoano e dirile tshwetso ya gore motho yoo a ntshiwe mo tirong.