Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 8

From Wikisource
Jump to navigation Jump to search
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa  (1996) 
Kgaolo 8: Dikgotlatshekelo le Tsamaiso ya Bosiamisi

165. Bothati jwa boatlhodi
1. Bothati taolo jwa boatlhodi jwa Rephaboliki bo tlhomilwe mo dikgotlatshekelo.
2. Dikgotlatshekelo di ikemetse ka botsona, e bile di laolwa fela ke Molaotheo le molao, o di tshwanetseng go o diragatsa ka go se tseye matlhakore le ntle le poifo, ditlhotlho, kgotsa kgobelelo.
3. Ga go na motho kgotsa sethwe sepe sa puso se se tla kgoreletsang tsamaiso ya dikgotlatshekelo.
4. Ditheo tsa puso, go ya ka peomolao le dikgato dingwe, di tshwanetse go thusa le go sireletsa dikgotlatshekelo go netefatsa go ikemela, go se tseye matlhakore, seriti, phitlhelelo le bokgoni ba dikgotlatshekelo.
5. Taelo kgotsa tshwetso e e filweng ke kgotlatshekelo e tlama batho botlhe le ditheo tsa puso fa e dirang gone.
6. Moatlhodimogolo ke molaodi wa dikgotlatshekelo, e bile o rwele maikarabelo a setheo le a go sekaseka dipeelo le maemo a tiragatso ya ditiro tsa dikgotlatshekelo tsotlhe.

[Karolotlaleletso (6) tlaleleditswe ka k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

166. Ditheo tsa boatlhodi
1. Dikgotlatshekelo ke –
a. Kgotlatshekelo ya Molaotheo;
b. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo;
c. Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, le kgotlatshekelokgolo ngwe le ngwe ya boikuelo e e ka tlhamiwang go tsamaelana le Molao wa Palamente go reetsa dikgetsi tsa boikuelo go tswa go kgotlatshekelo ngwe le ngwe ya maemo a a tshwanang le a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa;
d. Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata;
e. Kgotlatshekelo ngwe le ngwe e e tlhomilweng kgotsa e e amogetsweng go tsamaelana le Molao wa Palamente, go akarediwa kgotlatshekelo ngwe le ngwe ya maemo a a tshwanang le a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa kgotsa Dikgotlatshekelo tsa Magiseterata.

[Dikarolotlaleletso (c) le (e) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

167. Kgotlatshekelo ya Molaotheo
1. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e na le Moatlhodimogolo wa Aforika Borwa, Motlatsa- Moatlhodimogolo, le baatlhodi ba bangwe ba le robongwe.

[Kl.(1) e emetswe ke k. 11 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

2. Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse go swediwa ke bonnye baatlhodi ba le robedi.
3. Kgotlatshekelo ya Molaotheo –
a. ke kgotlatshekelo e e kwa godimo ya Rephaboliki; e bile;
b. e ka dira tshwetso
i. ka ga merero ya Molaotheo; le
ii. morero mongwe le mongwe, fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e atlanegisa tumelo ya go dira boikuelo ka ga mabaka tlholang ngangisano go ya ka molao tebang le botlhokwa jwa baagi ka kakaretso, e bile e tshwanetse go sekasekwa ke Kgotlatshekelo eo, le
c. e dira tshwetso ya bofelo go sa nyatswe le fa morero o wela ka fa tlase ga maatlataolo a yona.

[Karolotlaleletso (3) e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

4. Ke kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e ka –
a. swetsang dikgotlhang magareng ga ditheo tsa puso mo lekaleng la bosetšhaba kgotsa la porofense tse di amanang le maemo a Molaotheo, dithata kgotsa ditiro tsa ditheo dingwe le dingwe tsa puso;
b. swetsang ka bomolaotheo ba Molaotlhomo mongwe le mongwe wa palamente kgotsa porofense, mme e ka dira jalo fela mo mabakeng a a solofetsweng mo karolong 79 kgotsa 121;
c. swetsang dikopo tse di solofelwang mo karolong 80 kgotsa 122;
d. swetsang ka ga bomolaotheo ba tlhabololo nngwe le nngwe go Molaotheo;
e. tlhomamisang gore Palamente kgotsa Poresidente o paletswe ke go dira ka fa Molaotheong; kgotsa
f. go tlhomamisa Molaotheo wa porofense mo mabakeng a karolo 144.
5. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e dira tshwetso ya makgaolakgang go netefatsa fa molao wa Palamente, molao wa Porofense kgotsa maitshwaro a Moporesidente a tsamaelana le molaotheo, e bile e tshwanetse go netefatsa taelo nngwe le nngwe e e sa tsamaelaneng le molao e e dirilweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Kgotlatshekelekgolo ya Aforika Borwa kgotsa Kgotlatshekelokgolo ya maemo a a tshwanang pele ga tiragatso ya taelo eo.

[Karolotlaleletso (5) e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

6. Peomolao ya bosetšhaba kgotsa melawana ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse go letla motho, fa e le mo kgatlegong ya bosiamisi le ka tetla ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo –
a. go tlisa morero ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo;
b. go dira boikuelo ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo go tswa kwa Kgotlatshekelong nngwe le nngwe.
7. Morero wa molaotheo o akaretsa ntlha nngwe le nngwe e e amang thanolo, tshireletso kgotsa tiragatso ya Molaotheo.

168. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo
1. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e na le Poresidente, Motlatsa Poresidente le palo ya baatlhodi ba boikuelo e e tlhomamisiwang ka Molao wa Palamente.

[Kl.(1) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

2. Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo o tshwanetse go swetswa ke palo ya baatlhodi e e tlhomamisitsweng ke Molao wa Palamente.

[Kl.(2) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

3. a. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e ka dira tshwetso ya boikuelo ka ga morero mongwe le mongwe yo o tlhagang kwa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa kgotsa kgotlatshekelo ya maemo a a tshwanang le a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, ntle le merero ya badiri le ya kgwebelano go tsamaelana le tlhomamiso e e dirilweng ka Molao wa Palamente.
b. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e ka dira tshwetso fela; ka—
i. dikgetsi tsa boikuelo;
ii. dintlha tse di amang boikuelo; le
iii. morero mongwe le mongwe yo e ka o romelwang go tsamaelana le mabaka a a tlhalositsweng ke Molao wa Palamente.

[Karolotlaleletso (3) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

169. Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa
1. Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa e ka dira tshwetso—
a. ka ga morero mongwe le mongwe ntle le morero yo –
i. Kgotlatshekelo ya Molaotheo e dirileng tshwetso ya gore o tlhagelela fa pele ga yona ka tlhamalalo go ya ka karolo 167(6)(a); kgotsa
ii. e rometswe go ya ka Molao wa Palamente go kgotlatshekelo e nngwe ya maemo a tshwanang le a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa; le
b. morero mongwe le mongwe yo o sa tshwanelang go romelwa go Kgotlatshekelo e nngwe go ya ka Molao wa Palamente.
2. Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa e kgaogantswe ka Makala go ya ka Molao wa Palamente, Molao o o tshwanetseng go tlamela ka-
a. go tlhamiwa ga Makala, setheo se le nosi kgotsa tse pedi mo gare ga Lekala; le
b. taelo ya maatlataolo ya Lekala kgotsa setheo fa gare ga Lekala.
3. Lekala lengwe le lengwe la Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa-
a. le nale Moatlhodimogolo;
b. le ka nna le Motlatsa Moatlhodimogolo a le nosi kgotsa go feta; le
c. na le palo ya baatlhodi ba banngwe go ya ka tlhomamiso ya molao wa bosetšhaba.

[KI 169 e emetswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

170. Dikgotlatshekelo tse Dinngwe
Dikgotlatshekelo tsotlhe ntle le tse di tlhalositsweng mo dikarolotlaleletso 167, 168 le 169 di ka na tsa rarabolola morero mongwe le mongwe yo o tlhomamisitsweng ka Molao wa Palamente, mme kgotlatshekelo ya maemo a fa tlase go a Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa ga di a tshwanela go atlhatlha merero kgotsa taelo ya bomolaotheo jwa molao mongwe le mongwe kgotsa maitshwaro mangwe le mangwe a Moporesidente.

[KI 170 e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

171. Tsamaiso ya Dikgotlatshekelo
Dikgotlatshekelo tsotlhe di dira mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba, mme melawana le dithulaganyo tsa yona di tshwanetse go rulaganyediwe mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.

172. Maatla a Dikgotlatshekelo mo mabakeng a molaotheo
1. Fa e sekaseka morero wa molaotheo o o mo taolong ya yona, Kgotlatshekelo –
a. e tshwanetse ya tlhomamisa gore molao mongwe le mongwe kgotsa maitsholo a a sa tsamaisaneng le Molaotheo ga a na boleng go ya ka go sa tlhomamang ga ona; e bile
b. e ka dira taelo nngwe le nngwe e e tshiamo le tekatekano, go akarediwa –
i. taelo e e ngotlang boleng jwa tlhomamiso ya go tlhoka boleng e e direlang kwa morago; le
ii. taelo e e sekegang taelo ya go sa tlhomamang mo nakong nngwe le nngwe le mo mabakeng mangwe le mangwe, go letla bothati bo bo nonofileng go siamisa phoso.
2. a. Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Kgotlatshekelokgolo ya AforikaBorwa kgotsa Kgotlatshekelo ya maemo a a tshwanang e ka dira taelotebang le boleng ba bomolaotheo ba molao wa Palamente, kgotsa molao waPorofense, kgotsa maitsholo mangwe le mangwe a Moporesidente, mme taeloe e mabapi le go tlhoka boleng jwa molaotheo ga e na maatla a tiragatsontle le fa e dumetswe ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo.

[Tema (a) e emetswe ke k. 7 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

b. Kgotlatshekelo e e dirang taelo ya go tlhoka boleng ga molaotheo e ka neela thibelo ya nakwana kgotsa kimologo nngwe ya nakwana go lekoko kgotsa e ka emisa ditsamaiso nakwana, go letetswe tshwetso ya kgotlatshekelo yaMolaotheo ka ga boleng ba Molao oo kgotsa maitsholo ao.
c. Peomolao ya bosetšhaba e tshwanela go rulaganyetsa thomelo ya taelo ya go tlhoka boleng ba molaotheo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
d. Motho mongwe le mongwe kgotsa setheo sa puso se se nang le kgatlhego e e lekaneng se ka ikuela, kgotsa sa dira kopo ka tlhamalalo, go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tlhomamisa kgotsa go fetola taelo ya go tlhoka boleng ba molaotheo ka kgotlatshekelo mo mabakeng a karolwana e.

173. Maatla a dikgotlatshekelo
Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo; le Dikgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa ngwe le ngwe ya tsona e na le maatla a tshireletso le a taolo ya ditsamaiso tsa tsona, le go tlhabolola molao wa selegae, go etswe tlhoko dikgatlhegelo tsa bosiamisi.

[KI 173 e emetswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

174. Go thaphiwa ga batlhankedi ba boatlhodi
1. Mosadi kgotsa monna mongwe le mongwe yo a nang le borutegi bo bo maleba,e le motho yo a itekanetseng yo o tshwanetseng a ka tlhophiwa go nna motlhankedi wa boatlhodi. Motho mongwe le mongwe yo a tla kgethelwang mo Kgotlatshekelong ya Molaotheo o tshwanetse gape e be e le moagi wa Aforika Borwa.
2. Tlhokego ya gore bothati ba bosiamisi bo lebisise ka bophara sebopego sa bomorafe le bong sa Aforika Borwa e tshwanela go akanngwa fa batlankedi ba boatlhodi ba tlhomiwa.
3. Poresidente, jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba, morago ga go rerisana le Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, le baeteledipele ba makoko a a emetsweng mo Kokoano Bosetšhaba o tlhopha Moatlhodimogolo le Motlatsa Moatlhodimogolo gape, morago ga go rerisana le Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, o tlhopha Poresidente le Motlatsa Poresidente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.

[Kl.(3) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

4. Baatlhodi ba bangwe ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba tlhophiwa ke Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba, morago ga ditherisano le Moatlhodimogolo le baeteledipele ba makoko a a nang le kemedi mo Kokoanong ya Bosetšhaba go ya ka thulaganyo e e latelang:
a. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go rulaganya lenaane la bontlhopheng la maina a mararo go feta palo ya ba ba tshwanetseng go tlhophiwa, e be e ise lenaane kwa go Poresidente.
b. Poresidente o tshwanela go tlhopha mo lenaaneng a ba a gakolole Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, ka mabaka, fa go le bangwe ba bakgethiwa ba ba sa amogelesegeng, le fa go tshwanetse go dirwa ditlhopho tse dingwe.
c. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go tlaleletsa lenaane ka bakgethiwa ba bangwe mme Poresidente o tshwanetse go dira ditlhopho tse di saletseng mo lenaaneng le le okeditsweng.

[Kl.(4) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

5. Ka dinako tsotlhe, bonnye ditokololo tse nne tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo di tshwanetse ya bo e le batho ba e leng baatlhodi ka nako ya fa ba kgethwa kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
6. Poresidente o tshwanetse go kgetha baatlhodi ba dikgotlatshekelo tsotlhe tse dingwe ka kgakololo ya Khomišene ya Tirelo tsa Bosiamisi.
7. Batlhankedi ba bangwe ba boatlhodi ba tshwanetse go tlhomiwa go ya ka Molao wa Palamente o o tshwanetseng go netefatsa gore go tlhomiwa, go tlhatlhosiwa, go sutisiwa kgotsa go rolwa tiro kgotsa go tseelwa dikgato tsa kgalemo ga batlhankedi ba ba, boatlhodi go diragala ntle le ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
8. Pele batlhankedi ba boatlhodi ba simolola go dira ditiro tsa bona, ba tshwanetse go ikana, kgotsa go dumela, go ya ka Mametlelelo 2 gore ba tla tshegetsa le go sireletsa Molaotheo.

175. Go thapiwa ga baatlhodi ba nama-o-tshwere
1. Moporesidente a ka tlhopha mosadi kgotsa monna go dira jaaka Motlatsa Moatlhodimogolo wa nama-o-tshwere kgotsa Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo fa go nale phatlhatiro mo go ngwe le ngwe ya dikantoro tseo, kgotsa fa motho yo o dirang tiro eo a seyo. Go thapiwa ga motho yo o, go tshwanetse go diriwa go tsamaelana le tshitsinyo ya tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi le ka tumelano ya Moatlhodimogolo, go thapiwa jaaka Motlatsa Moatlhodimogolo wa nama-o-tshwerwe go tshwanetse go diriwa go tswa go maemo a baatlhodi ba ba setseng ba thapilwe mo Kgotlatshekelo ya Molaotheo go tsamaelana le karolo 174(4).

[Karolotlaleletso.(1) e emetswe ke k. 14 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001 le ke k. 9 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

2. Tokololo ya Kabinete e e rwelang maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi e tshwanetse go tlhopha baatlhodi ba nama-o-satshwere go dikgotlatshekelo tse dingwe morago ga puisano le moatlhodi yo mogolo wa kgotlatshekelo e moatlhodi wa nama-osa- tshwere a tla dirang mo go yona.

[KI 175 e emetswe ke k.96 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

176. Dipaka tsa tiro le moputso
1. Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwara marapo paka e e sa ntšhwafadiweng ya dingwaga di le 12, kgotsa go fitlhela a tahwara dingwaga di le 70, kgotsa ngwe le ngwe e e diragalang pele, ntle le fa Molao wa Palamente o atolosa paka ya tiro ya Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.

[Karolotlaleletso.(1) e emetswe ke k. 15 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

2. Baatlhodi ba bangwe ba nna mo tirong go fitlha ba gololwa go dira go ya ka Molao wa Palamente.
Moputso, diallawanse le ditshiamelo tsa baatlhodi ga di a tshwanela go fokodiwa.

177. Go tlosiwa mo tirong
1. Moatlhodi a ka tlosiwa mo tirong fela fa –
a. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e fitlhela gore moatlhodi ga a kgone go dira tiro, ga a tlhole a na le bokgoni, o molato ka ntlha ya maitshwaro a makgwakgwa; le
b. Ntlokokoano Bosetšhaba e dira tshwetso ya gore moatlhodi a tlosiwe mo tirong ka tumelano ya bonnye jwa diboutu di le pedi-tharo ya ditokololo tsotlhe.
2. Moporesidente o tshwanetse go rola moatlhodi mo tirong fa go atlenegisitswe tshwetso ya gore Moatlhodi oo, a tlosiwe mo tirong.
3. Moporesidente, go ya ka kgakololo ya Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, a ka sekega moatlhodi yo e leng lebaka la tsamaiso go ya ka mabaka a karolotlaleletso (1).

178. Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi
1. Go na le Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi, e bopiwa ke –
a. Moatlhodimogolo, yo o okamang dikopano tsa Khomišene;
b. Moporesidente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo;

[Tema (b) e emetswe k. 16(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao ya 2001.]

c. Moatlhodi Moporesidente a le nosi yo o tlhopilweng ke Baatlhodi baPoresidente;
d. Tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, kgotsa mongwe yo o tlhopilweng ke tokololo eo ya Kabinete; 114
e. baadfokata ba le babedi, ba ba tlhopilweng go tswa mo borutegi ba boadfokata go emela borutegi joo ka kakaretso, e bile ba tlhophilwe ke Moporesidente;
f. babueledi ba le babedi ba ba tlhopilweng go tswa mo borutegi ba bobueledi go emela borutegi joo ka kakaretso, e bile ba tlhopilwe ke Moporesidente;
g. Morutamolao a le nosi yo o tlhophilweng ke barutamolao ba diyunibesithi tsa Aforika Borwa;
h. batho ba le barataro ba ba tlhophilweng ke Ntlokokoano Bosetšhaba mo ditokololong tsa yona, bonnye ba bararo ba bona ba tshwanetse go nna ditokololo tsa makoko kganetso a a na leng baemedi mo Ntlokokoano;
i. baemedi ba le bane ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ba ba tlhophilweng ke Khansele ka tshegetso ya bonnye diboutu tsa diporofense di le thataro;
j. batho ba le bane ba ba t;lhopilweng ke Moporesidente jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya bosetšhaba morago ga dipuisano le makoko otlhe mo Ntlokokoano Bosetšhaba; le
k. fa go sekwasekwa merero e e amanang Lekala le le rileng la Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, Moporesidente wa Moatlhodi wa Lekala le Tonakgolo ya porofense e e amegang, kgotsa motshwaramarapo yo o tlhophilweng ke mongwe le mongwe wa bona.

[Ditema (k) e emetswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le k. 16(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001 le k 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesomesupa wa Molao wa 2012.]

2. Fa palo ya batho ba ba tlhophilweng go tswa go lephata la baadfokata kgotsa ba baueledi go ya ka mabaka a karololotlaleletso (1)(e) kgotsa (f) e lekana palo ya diphatlhatiro tse di tshwanetseng go tladiwa, Moporesidente o tshwanetse go ba thapa. Fa palo ya batho ba tlhophilweng e feta palo ya bontlhopheng go tlatsa diphatlha, Moporesidente, morago ga go buisana le barutegi ba ba maleba, o tshwanetse go thapa palo e e lekaneng go tlatsa diphatlhatiro, a etse tlhoko botlhokwa jwa go netefatsa gore ba ba tlhophilweng ba emela borutegi ka kakaretso.
3. Ditokololo tsa Khomišene tse di tlhophilweng ke Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di tla dira botlhe go fitlha go tlhopiwa ba bangwe, kgotsa go fitlhela go tlhagelela phatlhatiro mo palong ya bona. Ditokololo dingwe tse di tlhophetsweng Khomišene di dira go fitlha maemo a bona a tsewa ke bao ba ba laetsweng kgotsa ba ba tlhophileng.
4. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e na le dithata le ditiro tse e diabetsweng ka Molaotheo le molao ya bosetšhaba.
5. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka gakolola puso ya bosetšhaba ka morero mongwe le mongwe yo o amanang boatlhodi kgotsa tsamaiso ya bosiamisi; fela, fa e sekaseka morero mongwe le mongwe ntle le go kgethiwa ga moatlhodi, e tshwanetse go dira jaalo ntle le ditokololo tse di kgethilweng go ya ka karolotlaleletso (1)(h) le(i).
6. Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka tlhomamisa tsamaiso ya yona, mme fela ditshwetso tsa Khomišene di tshwanelwa go dumelwa ke bontsi jwa ditokololo tsa yona.
7. Fa Moatlhodimogolo kgotsa Moporesidente wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo ka nakwana a sa kgone go dira mo Khomišeneng, Motlatsa Moatlhodimogolo kgotsa Motlatsa Moporesidente wa Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo, o tshwara marapo boemonmg jwa gagwe mo Khomišeneng.

[Kl.(7) e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le go emelwa ke k. 16(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]

8. Moporesidente le batho ba ba thapang, tlhophang, le ba ba laelang ditokolo tsa Khomišene go ya ka karolotlaleletso (1)(c),(e),(f) le (g), ka mokgwa o o tshwanang, ba ka thapa, tlhopha, kgotsa go laela mongwe le mongwe boemong jwa ditokololo tseo, go dira mo Khomišeneng fa tokololo e e amegang ka nakwana e sa kgone go dira jaalo ka ntlha ya go tlhoka bokgoni jwa go dira kgotsa go sa nne teng mo Rephaboliking kgotsa ka ntlha ya lebaka lengwe le lengwe le le utlwagalang.

[Kl.(8) e tlaleleditswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]

179. Bothati ba Botšhotšhisi
1. Go nale bothati bo le nosi ba botšhotšhisi mo Rephaboliking jo bo tlhamilweng go ya ka Molao wa Palamente, bo tlhamilwe ke –
a. Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi, yo e leng tlhogo ya bothati ba botšhotšhisi, e bile a tlhopilwe ke Moporesidente jaaka tlhogo yakhuduthamaga ya bosetšhaba; le
b. Bakaedi ba Botšhotšhisi le batšhotšhisi ba thapilwe go ya ka molao wa Palamente.
2. Bothati ba botšhotšhisi bo na le maatla a go tlhatlhela molato wa tshenyo, boemong jwa puso, le go dira tiro ngwe le ngwe e e tshwanag ya go tlhatlhela molato wa tshenyo.
3. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go netefatsa gore Bakaedi ba Botšhotšhisi–
a. ba nale borutegi jo bo tshwanetseng;
b. ba rwala maikarabelo a botšhotšhisi go ya dikgaolo tse di kgethegileng go tsamaelana le karolotlaleletso (5).
4. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go netefatsa gore bothati ba botšhotšhisi go diragatsa ditiro tsa bona ntle le poifo, go tsaya matlhakore kgotsa kgobelelo.
5. Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi –
a. o tshwanetse go tlhotlhomisa, ka tumalano ya tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, le morago ga dipuisano le Bakaedi ba Botšhotšhisi, pholisi ya botšhotšhisi e e tshwanetseng go elwa tlhoko mo tsamaisong ya botšhotšhisi;
b. o tshwanetse go rebola ditaelo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko mo tsamaisong ya botšhotšhisi;
c. a ka tsereganya mo tsamaisong ya botšhotšhisi fa ditaelo di sa dirisiwa; le
d. a ka sekaseka tshwetso ya go tšhotšhisa kgotsa go se tšhotšhise, morago ga go rerisana le Mokaedi wa Botšhotšhisi yo o maleba, le morago ga go amogela boipiletso mo nakong e e tlhomamisitsweng ke Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi, go tswa go ba ba latelang:
i. Molatofadiwa.
ii. Mongongoregi.
iii. Motho mongwe le mongwe yoo Mokaedi wa Bosetšhaba a mo kayang a le maleba.
6. Tokokolo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi e nale maikarabelo ka botlalo boemong jwa bothati ba botšhotšhisi.
7. Merero yotlhe e e lebaganeng le bothati ba botšhotšhisi e tshwanetse go tlhomamisiwa ka molao wa bosetšhaba.

180. Merero mengwe e e amang tsamaiso ya bosiamisi
1. Molao wa Bosetšhaba e ka tlamela ka morero mongwe le mongwe tebang le tsamaiso ya bosiamisi, o o sa rarabololweng ka Molaotheo, go akarediwa –
a. manaane katiso a batlhankedi ba boatlhodi;
b. dithulaganyo tsa go sekaseka dingongorego mabapi le batlhankedi ba boatlhodi; le
c. tsela ya go rarabololo dingongorego kgatlhanong le batlhankedi ba boatlhodi tsa ditshwetso tsa kgotlatshekelo.